“Go Rekisa Letswai” Kwa Mozambique
FRANCISCO COANA, yo e leng mongwe wa leloko la komiti ya naga ya Mozambique, o ne a nna dingwaga di le lesome kwa “dikampeng tsa go sokolola tlhaloganyo.” O bolela maitemogelo a gagwe jaana: “Ke ne ke itse gore re tlile go nna nako e teletsana re ntse re le fano, ka jalo ke ne ka kopa molebedi wa potologo fa ke ne ke ka tswelela pele ke le mmulatsela wa ka metlha. Mme o ne a botsa gore ke ne ke tla kgona go dirisa nako e e lekaneng jang mo bodireding jwa phatlalatsa, ka gonne mo e neng e ka nna mongwe le mongwe mo dikampeng tseno e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Ke ne ka mmolelela gore ke ne ke tla ya kwa Milange gore ke bone batho ba ke ka ba rerelang, toropo e e neng e le bokgakala jwa dikilomitara di le 47.
“Le mororo re ne re sa letlelelwa go tswa mo kampeng ka fa molaong, molao ono o ne o sa gagamala thata. Ke gakologelwa ke ya kwa sekgweng, ke khubama, ke bo ke rapelela go bona tsela ya go ya go rerela batho ba ba gaufi. Go ise go ye kae Jehofa o ne a nkaraba.
“Ke ne ka buisana le monna mongwe yo o neng a na le baesekele, mme ke ne ka dira tumalano le ene. O ne a dumela gore fa ke ne ke ka mmaakanyetsa [diheketara di le tharonneng] tsa mmu wa tshimo ya gagwe pele go fitlha paka ya dipula, o ne a tla ntuela ka baesekele eno. Ka jalo ke ne ke mmaakanyetsa masimo a gagwe mo mosong mongwe le mongwe. Jehofa o ne a segofatsa thulaganyo eno, ka gonne kgabagare ke ne ka bona baesekele ya me.
“Go ne ga felela ka gore ke kgone go fitlha kwa toropong e kgolo ya Milange mme ke tswelele pele le tiro ya me ya go bula tsela ka tsela e e nang le matswela mo tshimong eno e e nang le maungo. E re ka tiro ya rona e ne e thibetswe, ke ne ka tshwanelwa ke go loga leano la gore ke bolelele batho boammaaruri. Ke ne ke tsamaya ke tsentse dibuka le dimakasine mo hempeng ya me, ke tshotse letswai ka kgetsana mme ke le mo kgwebong ya go rekisa letswai. Mo boemong jwa gore ke le rekise ka 5 meticais, ke ne ke le rekisa 15 meticais. (Fa ke ne ke sa le turise, batho ba ne ba tla le reka lotlhe, mme ke ne ke tla tlhoka letswai le ke neng ke tla le rekisa gore ke kgone go rera!) Dipuisano tsa me di ne di tshwana le eno:
“‘Dumelang! Ke rekisa letswai gompieno.’
“‘Ke bokae?’
“‘Ke di-meticais di le 15.’
“‘Nnyaa, nnyaa. Le tura mo go maswe!’
“‘Ee, ke a dumela gore le a tura. Mme fa o akanya gore le a tura gone jaanong, a o ko o eme nakonyana fela ka gonne le tla bo le tura go feta fa mo isagweng. A o ne o itse gore seno se ne sa bolelelwa pele mo Baebeleng”
“‘Ga ke ise ke bale ka gone mo Baebeleng ya me.’
“‘Ee, go teng. Tlisa Baebele ya gago ke go bontshe.’
“Ka puisano eo ke ne ke atlega go dirisa Baebele ya gagwe, ka jalo ke ne ke sa ntshe ya me mo hempeng ya me. Ke ne ke mmulela mo go Tshenolo kgaolo 6, e e bolelang ka maemo a a thata le go tlhaela ga dijo. Fa ke ne ke bona a amogela molaetsa, ke ne ke ntsha buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng kana ya Mafoko a a Molemo go go Itumedisa ke bo ke simolola thuto e e tshwanetseng ya Baebele.
“Go ne ga felela ka gore ke kgone go simolola setlhopha sa batho ba ba kgatlhegang ba le 15 kwa Milange. Mme go ne ga se ka ga tsaya nako e telele batho ba puso ba bo ba setse ba re lemoga. Ka letsatsi lengwe fa ke ntse ke tshwere thuto ya Baebele, lepodise le ne la tsena ka tshoganetso fela mme la re golega. Rotlhe, go akaretsa le bana ba bannye ba lelapa, re ne ra tsewa ra isiwa kwa kgolegelong e e mo lefelong leo. Fa re sena go nna kgwedi moo, re ne ra romelwa rotlhe kwa kampeng gape.”
Dilo tseno tse di neng tsa diragalela bakaulengwe ba rona di ne tsa se ka tsa fokotsa botlhaga jwa bone. Se se farologaneng le seo, Francisco le lelapa la gagwe, mmogo le diketekete tsa bakaulengwe ba bone ba ba neng ba le mo dikampeng, jaanong ba obamela le go rera mo maemong a a gololesegileng kwa Mozambique.