LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 3/15 ts. 3-4
  • O ka Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithapelo Tse di Arabiwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago ka go Ithuta Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Ke Dithapelo tsa Bomang Tse Di Arabiwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 3/15 ts. 3-4

O ka Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago Jang?

THAPELO ke sengwe sa dilo tse Jehofa Modimo a di re rulaganyeditseng ka lorato se se sa tshwaneng le tse dingwe. Baganetsi ba ka gapa Baebele ya gago kana ba go kganela gore o se ka wa kopana le badumedikawena, mme lefa go ntse jalo ga go na ope yo o ka go amogang thapelo. Thapelo e botlhokwa fela thata. A bo go le botlhokwa jang he, gore mongwe le mongwe wa rona a ngomaele a bo a dirise tshiamelo eno ka botlalo. Ke eng se se ka go thusang go tokafatsa dithapelo tsa gago?

Baebele ga se buka ya dithapelo. Lefa go ntse jalo, e ka tlhalosiwa jaaka bukathuto e kgolo go gaisa tsotlhe tse batho ba nang natso ka thapelo. Dikwalo tsa Sehebera di le tsosi fela di na le dithapelo di feta 150. Dingwe tsa tsone di dikhutshwane; tse dingwe di ditelele. Di ne di buiwa mo pele ga batho kana mo sephiring, ke dikgosi kana ditshwarwa, ka nako ya phenyo kana ka nako ya mathata. Jaaka Dafite a ne a opela mo go Pesalema 65:2, “nama yotlhe” e ya kwa go Jehofa, “Yo o utlwang thapelo.” Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele gore ba kwale dithapelo tse dintsi jaana tse di farologaneng?

Go araba potso eo, tlhatlhoba 2 Timotheo 3:16, (NW). Ya re: “Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo ebile lo mosola.” Ka jalo, dithapelo tsa Baebele di kwaletswe go re kaela, fela jaaka boperofeti, melaometheo, le hisitori ya Dikwalo. Dithapelo tseno di ka re solegela molemo jang?

Fa re sekaseka dithapelo tsa Dikwalo, re ka bona tse di rapetsweng mo maemong a a tshwanang le a rona. Re ka ithuta gore dithapelo di farologana jang go ya ka boikaelelo jwa tsone le maemo a di rapelwang mo go one. Mo godimo ga moo, re tla ithuta mafoko a masha a go galaletsa le go leboga mme re tla bona mafoko a e leng a rona a re ka dirang dikopo le mekokotlelo ka one. Ka bokhutshwane, dithapelo tsa Baebele di ka re thusa go tokafatsa dithapelo tsa rona.

Marea, yo o neng a nna mmaagwe Jesu, e ne e le motho yo go lebegang a ne a solegelwa molemo ke mafoko a thapelo nngwe e e kwadilweng mo Baebeleng. O ne a etela Elisabethe wa losika lwa gagabo fa mongwe le mongwe wa bone a sena go ithwala ngwana wa mosimane ka thuso ya Modimo. Marea o ne a isetsa Modimo pako le ditebogo, mme mangwe a mafoko a gagwe a tshwana thata le a a fitlhelwang mo thapelong nngwe ya Dikwalo tsa Sehebera. Go lebega gore Marea o tshwanetse a bo a ne a itse thapelo e e neng ya buiwa ke Hana, mmaagwe Samuele wa moperofeti. Hana le ene o ne a ile a ithwala ngwana wa mosimane ka thuso ya Modimo, dingwaga di feta 1 000 pelenyana. A go ka tswa e le gore Marea o ne a tlhatlhanya ka thapelo eno ka gonne e ne e bontsha kafa ene a ikutlwang ka teng?—1 Samuele 2:1-10; Luke 1:46-55.

Go tweng ka wena? A go na le thapelo e o e gakologelwang ya mo Baebeleng e e rapetsweng tlase ga maemo a a tshwanang le a gago? Go bona dithapelo tse di ntseng jalo le go di bala le go tlhatlhanya ka tsone go tla go thusa gore o tokafatse puisano ya gago le Modimo. Mo setlhogong se se latelang, re go laletsa gore o tlhatlhobe dithapelo tse tharo go tswa mo Dikwalong tse di Boitshepo. Di ne tsa rapelwa mo maemong a a farologaneng, gongwe a tshwana le a gago.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela