LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 2/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 2/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Bafilisitia ba ba umakiwang mo Baebeleng e ne e le bomang?

Gantsi Baebele e bua ka setšhaba sengwe se se bidiwang Bafilisitia, ba ba neng ba nna kwa Kanana fa batho ba Modimo ba bogologolo ba ne ba gapa Lefatshe le le Solofeditsweng. Bafilisitia bano ba bogologolo ba ne ba ganetsa batho ba Modimo ka lobaka lo lotelele, jaaka go bontshitswe mo pegong ya fa Dafite a ne a kopane le mogaka wa mokaloba wa Bafilisitia yo o neng a bidiwa Goliathe.—1 Samuele 17:1-3, 23-53.

Baebele e bontsha gore Bafilisitia ba bogologolo ba ne ba fuduga go tswa kwa Kafetore ba ya kwa lebopong le le kafa borwabophirima jwa Kanana. (Jeremia 47:4) Kafetore e ne e le kwa kae? The International Standard Bible Encyclopedia (1979) e akgela jaana: “Lefa bosupi bo sa lekana gore go ka nna le karabo e e tlhomameng, dipatlisiso tsa bosheng jaana di bontsha gore tota lefelo le e tshwanetseng ya bo e ne e le mo go lone ke setlhaketlhake sa Crete (kana gongwe Crete mmogo le Aegean Isles, tse kafa setsong e leng selo se le sengwe fela).”—Bolumo 1, tsebe 610.

Go dumelana le seno, New World Translation of the Holy Scriptures e balega jaana mo go Amose 9:7: “‘A ga lo tshwane le bomorwa Kushe fela mo go nna, lona bomorwa Iseraele?’ go bua Jehofa. ‘A ga ke a ntsha Baiseraele mo nageng ya Egepeto, le Bafilisitia kwa Kereta, le Basiria kwa Kire?’”

Ga go itsewe gore batho bano ba bogologolo ba ba neng ba nna gaufi le lewatle ba fudugile leng go tswa kwa Kereta ba ya kwa karolong ya Kanana e e neng ya simolola go bidiwa Filisitia, lotshitshi lo lo kafa borwabophirima fa gare ga Jopa le Gasa. Go bonala gore mo metlheng ya ga Aberahame le Isake, ba ne ba setse ba le mo lefelong leno la dipoa tse di kotlometseng tse di gaufi le lotshitshi.—Genesise 20:1, 2; 21:32-34; 26:1-18.

Bafilisitia ba ne ba tswelela pele ba na le tlhotlheletso e kgolo thata mo lefelong leno ka nako e telele Baiseraele ba sena go tsena mo nageng e Modimo o neng o ba e solofeditse. (Ekesodo 13:17; Joshua 13:2; Baatlhodi 1:18, 19; 3:3, 4; 15:9, 10; 1 Samuele 4:1-11; 7:7-14; 13:19-23; 1 Dikgosi 16:15) Tota le ka nako ya fa go ne go busa kgosi ya Jutea e bong Usia, Bafilisitia ba ne ba tswelela pele ba nna mo metseng ya bone ya Gathe, Gabene, le Ashetote. (2 Ditirafalo 26:6) Metse e mengwe ya bone e e umakiwang thata mo dipegong tsa Baebele e ne e le Ekerone, Ashekelone, le Gasa.

Alekesantere yo Mogolo o ne a fenya motse wa Gasa wa Bafilisitia, mme lefa go ntse jalo fa nako e ntse e ya, go bonala gore Bafilisitia ba ne ba kgaotsa go nna setšhaba se se ikemetseng ka nosi. Porofesara Lawrence E. Stager o ne a kwala jaana go Biblical Archaeology Review (May/June 1991): “Bafilisitia le bone ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. . . . Lefa go ntse jalo, ga go na pego epe e e kwadilweng go supa gore go ne ga diragala eng ka Bafilisitia ba ba neng ba isitswe botshwarwa. Go bonala gore ba ba ka nnang ba bo ba ile ba sala kwa Ashekelone fa Nebukaderesare a sena go fenya, ba ne ba kgaotsa go nna jaaka setlhopha sa morafe. Ga go na pego e nngwe gape e e kwadilweng ka bone mo hisitoring.”

Leina la motlha wa gompieno la Palasetina le tswa mo mafokong a Selatine le Segerika, ao a re busetsang kwa morago kwa lefokong la Sehebera la “Filisitia.” Dithanolo dingwe tsa Baebele tsa puo ya Searabea fa di kaya “Bafilisitia” di dirisa lefoko le go leng motlhofo go le kopanya le la segompieno la Bapalasetina. Lefa go ntse jalo, Today’s Arabic Version e dirisa lefoko le lengwe la Searabea, ka jalo e dira pharologanyo fa gare ga Bafilisitia ba bogologolo le Bapalasetina ba gompieno.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Marope mangwe a kwa Ashekelone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela