LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 12/15 ts. 32
  • “Kagiso ya Modimo e e Fetang Tlhaloganyo Yotlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Kagiso ya Modimo e e Fetang Tlhaloganyo Yotlhe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 12/15 ts. 32

“Kagiso ya Modimo e e Fetang Tlhaloganyo Yotlhe”

GO RALALA hisitori, batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ile ba nna le dinako tse ba neng ba utlwa botlhoko thata mo maikutlong ka tsone. A bo seno se le boammaaruri jang ne gompieno, ka re tshela mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang’! (2 Timotheo 3:1) Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba latlhele ditlhobaelo tsa bone mo go Jehofa ka thapelo. Ka matswela afe? “Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e tla dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:7.

“Kagiso ya Modimo” ke eng? Ke go ritibala mo go nnang teng fa o atamalane thata le Mmopi. Go atamalana moo go dira gore re tshephe tota gore lefa re ka nna le matshwenyego a mofuta ofe, Jehofa “ga a ketla a latlha batho ba gagwe; ga a ka ke a latlha ba e leng ba gagwe.”—Pesalema 94:14, Today’s English Version.

Se ga se reye gore ga re ka ke ra nna le mathata. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Dipatikego tsa mosiami di dintsi.” (Pesalema 34:19) Lefa go ntse jalo, kagiso ya Modimo e ka re golola. Jang?

Kagiso ya Modimo e “feta tlhaloganyo yotlhe,” Paulo o ne a kwala jalo—kana jaaka Concordant Version e ranola seno, e “feta maemo ape fela a tlhaloganyo ya motho e ka nnang mo go one.” Go tshwenyega go ka dira gore maikutlo a rona a utlwe botlhoko ka ditsela tse dintsi. (Moreri 7:7, NW) Lefa go ntse jalo, kagiso ya Modimo e ka re ritibatsa, segolobogolo fa re tlhoka “bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo.”—2 Bakorinthe 4:7; 2 Timotheo 1:7.

Mo godimo ga moo, kagiso ya Modimo e a sireletsa. E ka “dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona,” jaaka Paulo a ne a kwalela Bafilipi. Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “dibela” ke lefoko la sesole le le fang kgopolo ya badisakgolegelo ba disitse bosigo le motshegare. Ka tsela e e tshwanang, kagiso ya Modimo e ka dibela dipelo tsa rona le megopolo ya rona ka diura tse 24.—1 Bakorinthe 10:13; bapisa Baefeso 4:26.

Fa re akanya ka dilo tse di gwetlhang tse di ngomolang pelo tse re lebaneng le tsone gompieno, a kagiso ya Modimo ga se sengwe se re tshwanetseng go se lebogela?—Pesalema 18:2; bapisa Ekesodo 40:38.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela