Megopolo E E Tshegetsang Selo Seno Se Se Dumelwang
FA LEKGOLO le le fetileng la dingwaga le ne le fela, megopolo e e tshegetsang saense, filosofi, le go sa kgathalele bodumedi e ne e dira gore go se ka ga dumelwa mo Modimong le gore Baebele e tlhotlheleditswe.
Mme e ne e se yone fela megopolo e e neng e buiwa. Babatlisisi ba bantsi ba bone gore go na le dilo tse dintsi tse di ka bolelwang go buelela go dumela mo Modimong go na le go latola gore Modimo o teng. Dipatlisiso tsa bone gape di senotse bosupi jo bontsi jwa gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.
Mongwe yo o neng a ntsha maikutlo a gagwe mo kgannyeng eno e ne e le C. T. Russell. Dimilione di ne tsa bala bolumo ya gagwe ya The Divine Plan of the Ages ya 1886. E ne e na le kgaolo e e nonofileng mo go yone e e reng “Go Nna Gone ga Mmopi Yo Mogolo Yo O Botlhale go Tlhomamisitswe.”
Mo masomeng a dingwaga a a latelang, Russell o ne a kwala ditlhogo, dipampitshana le dibuka tse di neng tsa fa mabaka a a nonofileng a go dumela mo Modimong le mo Baebeleng. Tseno di ne tsa gatisiwa ke Watch Tower Bible and Tract Society. Poresidente wa yone wa bobedi, J. F. Rutherford o ne a kwala Creation (1927) le dibuka tse dingwe tse di neng tsa tswelela di buelela selo seno se se dumelwang.
Bosheng jaana one mokgatlho oo o ne wa rulaganya tshedimosetso e e oketsegileng e e mo nakong ka dikgang tseno. Basupi ba ga Jehofa ba ka e go naya gore o kgone go e akanyetsa tota.
Fa e le gore o ka rata go amogela tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata gore mongwe a go etele mme a go tshwarele thuto ya legae ya mahala ya Baebele, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo go tsebe 2.
[Ditshwantsho mo go tsebe 32]