“Medi E E Ka Sekang ya Khumolwa”
DINGWE tsa dilo tse dikgolo thata le tse di nang le dingwaga di le dintsi thata tse di tshelang tsa lefatshe ke ditlhare tsa sequoia tse di bonalang kwa California. Ditlhare tseno tse di gakgamatsang di boleele jwa dimitara di le 90 fa di godile sentle mme di ka tshela dingwaga tse di fetang 3 000.
Le mororo o ka gakgamadiwa thata ke go bona setlhare sa sequoia, medi ya sone e e sa bonaleng le yone e ya kgatlha ka mo go tshwanang. Setlhare sa sequoia se na le medi e e sephara e e ka nnang ya ikala karolo e kgolo ya diheketara di le 1,2 kana di le 1,6. Medi eno e megolo e kgona go itsetsepela fa go na le merwalela kana matsubutsubu a diphefo. Setlhare sa sequoia se kgona gore se itsetsepele lefa go na le thoromo ya lefatshe e e maatla!
Kgosi Solomone o ne a tlhopha medi e e nonofileng ya setlhare sengwe a e dirisa jaaka papisa mo seaneng se sengwe sa gagwe. “Ga go na motho ope yo o ka tlhomamang ka bosula,” o ne a bolela jalo, “mme batho ba ba molemo ba na le medi e e ka sekang ya khumolwa.” (Diane 12:3, The New English Bible) Ee, batho ba ba bosula ga ba a tsepama. Fa go lebega ba atlega ke ga nakwana fela, ka gonne Jehofa o solofetsa gore “tebelèlō ea moikepi e tla nyèlèla.”—Diane 10:28.
Seno se tlhagisa bao ba bolelang gore ke Bakeresete, ka gonne Jesu o ne a bolela gore ba bangwe ba ne ba tla bo ba “[se] na mocwe” mo go bone mme ba ne ba tla wa. (Mathaio 13:21) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka batho ba ba neng ba tla “kgarakgatshiwa ke phehō ñwe le ñwe ea thutō [ya maaka].” (Baefesia 4:14) Seno se ka thibelwa jang?
Fela jaaka medi ya setlhare sa sequoia e ikala ka bophara mo mmung wa lefatshe o o tlamelang, ka jalo megopolo le dipelo tsa rona di tlhoka gore di nwelelele mo Lefokong la Modimo mme di bone metsi a lone a a nayang botshelo. Seno se tla re thusa go nna le tumelo e e nang le medi e e itsetsepetseng thata. Ke boammaaruri gore re tla utlwa diphelelo tsa diteko tse di maatla. Re ka nna ra bo ra tshikinyega fela jaaka setlhare, fa re bogisiwa. Mme fa e le gore tumelo ya rona e itsetsepetse sentle, re tla itshupa gore re na le “medi e e ka sekang ya khumolwa.”—Bapisa Bahebera 6:19.