Mekwalo E E Kayang Sengwe Se Se Kgethegileng
“IEHOVA SIT TIBI CUSTOS”
MAFOKO ano a a kwadilweng mo leboteng le le kwa pele ga ntlo nngwe ya mo lekgolong la bo17 la dingwaga kwa Celerina, kwa botlhabatsatsi jwa Switzerland, a bolela gore “A Jehofa a nne mosireletsi wa gago.” Mo lefelong leno la dithabathaba, go tlwaelegile go bona leina la Modimo le gabilwe kana le takilwe mo matlong a a nang le makgolokgolo a dingwaga a ntse a le teng, mo dikerekeng, le mo magaeng a baruti. Go tlile jang gore leina la ga Jehofa le itsiwe thata jaana?
Rhaetia ya bogologolo (e e akaretsang dikarolo tse jaanong e leng tsa borwabotlhaba jwa Jeremane, Austria, le tse di kwa botlhabatsatsi jwa Switzerland) e ne ya nna naga ya Roma ka 15 B.C.E. Baagi ba teng ba ne ba simolola go bua puo ya Seromanishe, e leng puo e e tswang mo Selatineng e e neng ya nna le diteme di le dintsi tse di santseng di buiwa kwa megogorong e mengwe ya Alps ya Switzerland le bokone jwa Italy.
Fa nako e ntse e ya, dikarolo dingwe tsa Bibela di ne tsa ranolelwa mo puong ya Seromanishe. Kgatiso nngwe ya Biblia Pitschna, e ne e na le Dikwalo tsa Dipesalema le tsa Segerika tsa Bokeresete. Mo Bibeleng eno e e gatisitsweng ka 1666, leina le le reng Iehova le ne le bonala ka makgetlho a le mantsi mo go Dipesalema. E re ka Bibela e ne e balwa thata mo magaeng, babadi ba Biblia Pitschna ba ne ba simolola go tlwaelana le leina leno la Mmopi.
Lefa go ntse jalo, dikokomana tse di neng tsa latela di ne di sa tlhole di kgatlhegela dikgang tsa Bibela. Batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba itshwenya go botsa gore lefoko “Iehova” le raya eng, lefa e le gone gore baruti ba dire boiteko jwa go ba le tlhalosetsa. Ka lebaka leo, mekwalo eno e ne ya fetoga mekgabisa ya motlha o o fetileng.
Go nnile le diphetogo tse di gakgamatsang tse di mabapi le go tlhaloganya seno mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tswa kwa nagatlaseng, ba dirisa malatsi a bone a boikhutso mo megogorong eno e mentle mme ba dira boiteko jwa go ruta baagi ba koo kaga Modimo yo leina la gagwe e leng Jehofa. Basupi ba bangwe ba ile ba aga kwa karolong eo gore ba kgone go dirisa nako e ntsi go bolelela batho kaga maikaelelo a Mmopi a a gakgamatsang ka lefatshe le motho. Ka gone, mekwalo eno e e kwadilweng ka puo ya bogologolo ya Seromanishe batho ba e tsaya e le botlhokwa fa ba ntse ba ithuta boammaaruri jwa Modimo, Jehofa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 32]
IEHOVA PORTIO MEA: Jehofa ke kabelo ya me.—Bona Pesalema 119:57