LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 8/1 ts. 32
  • Isagwe ya Bana ba Rona E Ntse Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Isagwe ya Bana ba Rona E Ntse Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 8/1 ts. 32

Isagwe ya Bana ba Rona E Ntse Jang?

MATSHOSETSI a nuklea—e ka ne e le a dibomo tsa dirukhutli kana a dikotsi tse di tlhagang mo ditlhomong tsa nuklea—a boifisa batho botlhe. O ka nna wa bo o tshwenyegile segolobogolo ka bana, go akaretsa le bana kana bana ba bana ba gago. A bo go utlwisa botlhoko jang go lemoga gore matshosetsi a nuklea a baya botsogo le isagwe ya ngwana mongwe le mongwe fela mo kotsing.

Mme o se ka wa kgobega marapo. O na le lebaka la go nna le tsholofelo ka ga isagwe ya bana. Lebaka la go nna le tsholofelo ga le a ikaega ka maiteko a batho a go sireletsa bana ba rona, mme ka isagwe e e tla tlisiwang ke Mmopi wa rona.

Fa Morwa Modimo, Jesu, a ne a ruta batho mo Botlhaba Gare, o ne a bontsha fa a amegile ka bana. (Mareko 9:36, 37, 42; 10:13-16) Bibela e bontsha gore kamego e e ntseng jalo e tla bontshiwa fa Modimo a fedisa matshosetsi ano a nuklea labofelo mme a dira lefatshe lotlhe paradaise. Bana ba rona ba ka ipelela seo, mme le wena o ka dira jalo.

Fa o rata go amogela tshedimosetso e e oketsegileng kana o rata gore mongwe a go etele go tshwara thuto ya Bibela ya legae ya mahala le wena, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo go tsebe 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela