Meletlo ya Malatsi a Botsalo E Ile ya Felela ka Loso
GOMPIENO batho ba le bantsi ba leba go keteka meletlo ya malatsi a botsalo jaaka ngwao fela e e senang molato. Mme Bibela ga e bue tlwaelo eno molemo ka gope. Sa ntlha fela, Dikwalo ga di na bosupi bope jwa gore bangwe ba batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba keteka malatsi a botsalo.
Malatsi a botsalo a mabedi fela a a umakiwang ke Bibela e ne e le a babusi bao e neng e le baba ba Modimo. Mo go nngwe le nngwe ya tsone go ne ga bolaiwa motho, gore batho ba ba tlileng moletlong ba ijese monate go bona motho yo o swabisitseng kgosi a bolaiwa. Mo lekgetlong la ntlha, Faro, kgosi ya Egepeto, o ne a bolaya moapei wa gagwe yo mogolo. (Genesise 40:2, 3, 20, 22) Mmusi yono wa Moegepeto o ne a dira jalo ka nako ya moletlo ka gonne o ne a galefisitswe ke motlhanka wa gagwe. Mo lekgetlong la bobedi, Herode, mmusi wa Galilea yo o neng a sena boitsholo jo bo siameng, o ne a kgaola tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi go duela mosetsana mongwe yo o neng a mo itumedisitse ka go bina kwa moletlong. A ditiragalo tse di sisimosang!—Mathaio 14:6-11.
A mme Bibela ga e beye tlhokomelo mo malatsing a botsalo a mabedi a a kgethegileng? Eseng tota tota. Rahisitori wa bogologolo wa Mojuda e bong Josephus o senola gore ditiragalo tseno e ne e se tsone fela. O kwadile ka ga ditiragalo tse dingwe tsa tlwaelo eno ya go bolaya batho ka malatsi a botsalo go itlosa bodutu.
Ka sekai, tse dingwe di ile tsa diragala fa Jerusalema a sena go senngwa ka 70 C.E., fa Bajuda ba le 1 000 000 ba ne ba fedisiwa mme ba le 97 000 ba ba neng ba falotse ba isiwa botshwaro. Fa a le mo tseleng go ya Roma, mogenerale wa Moroma e bong Titus o ne a tsaya batshwarwa ba gagwe ba Bajuda a ba isa kwa boemakepeng jo bo gaufinyana jwa Kaesarea.
Josephus o kwala a re: “Fa Titus a ne a santse a nna mo Kaesarea o ne a keteka letsatsi la botsalo la ga morwarraagwe Domitian ka tsela e e gaisang thata, ka go bolaya batshwarwa ba ba fetang 2 500 mo metshamekong ya go tshameka ka dibatana le ka molelo. Morago ga seno o ne a ya Berytus [Beirut], kolone nngwe ya Roma mo Finikia, moo a ileng a keteka letsatsi la botsalo la ga rraagwe ka go bolaya batshwarwa ba bangwe ba bantsi gape mo dipontshong tse di tlotlometseng.”—The Jewish War, VII, 37, e e ranotsweng ke Paul L. Maier mo go Josephus: The Essential Writings.
Ga go gakgamatse go bo The Imperial Bible-Dictionary e re: “Bahebera ba moragonyana ba ne ba leba mekete ya malatsi a botsalo jaaka karolo ya kobamelo ya medimo ya disetwa, pono eo e rurifadiwang ka botlalo ke seo ba neng ba se bona mo medirong e e tlwaelegileng e e neng e amana le malatsi ano.”
Bakeresete ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba se kitla ba batla go nna le seabe mo ngwaong e e buiwang maswe jaana ke Bibela le eo e neng e ketekiwa ka tsela e e setlhogo jaana ke Baroma. Gompieno, Bakeresete ba ba ikanyegang ba lemoga fa dipego tsa Bibela ka ga malatsi a botsalo e ne e le dingwe tsa dilo tse di neng di kwadilwe go ba ruta. (Baroma 15:4) Ba tila go keteka malatsi a botsalo ka gonne mediro e e ntseng jalo e tlisa tlotlo e e sa tshwanelang mo mothong. Sa botlhokwa, batlhanka ba ga Jehofa ba tlhokometse sentle tsela eo malatsi a botsalo a nyadiwang ka gone mo Bibeleng.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Patlelo ya metshameko e e mo Kaesarea