Baratiwa ba Gago Ba Ba Suleng—Ba Kae?
ALEC o ne a phatlogile pelo. O ne a swelwa ke ditsala tse pedi mo bekeng e le nngwe fela. Mongwe wa bone, Nevil, o ne a tlhokafala a sena go thuntshiwa ka tlhobolo. Yo mongwe, Tony, o ne a tlhokafala ka kotsi ya koloi. Mosimane yono wa dingwaga tse 14 wa kwa Afrika Borwa o ne a simolola go tshwenngwa ke dipotso tse pele di neng di sa mo tshwenye. ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba tshwanelwa ke go swa? Mme gone go diragala eng morago ga loso?’ o ne a ipotsa jalo.
Fa a ya kwa phitlhong ya ga Nevil, Alec o ne a solofetse ka pelo yotlhe gore o ne a tla utlwa dikarabo tsa dipotso tseno. “Mme lefa go ntse jalo,” go ya kafa a gakologelwang ka teng, “moruti o ne a bala mo bukeng fela a ba a bolela gore Nevil o ile legodimong. Go tswa foo, kwa mabitleng, o ne a bolela gore re emetse tsogo. Ke ne ke sa tlhaloganye. Fa e le gore Nevil o ne a le kwa legodimong, o ne a ka emela tsogo jang?”
Moragonyana ka lone letsatsi leo, Alec o ne a ya kwa phitlhong ya ga Tony. Tirelo ya teng e e neng e tletse ka dingwao e ne e tshwerwe ka puo e a neng a sa e tlhaloganye. Lefa go ntse jalo, tsela e batho bangwe ba ba utlwileng botlhoko ba neng ba tlhakatlhakane maikutlo ka yone e ne ya bontsha Alec gore ba ne ba sa gomodiwa ka gope. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke utlwile botlhoko mo go maswe bosigo joo. Ke ne ke ikutlwa ke latlhegile e bile ke tlhakane tlhogo. Go ne go sena ope yo o ka arabang dipotso tsa me ka tsela e e kgotsofatsang. E ne e le la ntlha mo botshelong jwa me ke simolola go ipotsa tota gore a Modimo o teng.”
Ngwaga le ngwaga, batho ba le dimilionemilione ba swelwa ke batho ba ba ba ratang, fela jaaka Alec. “Lefatshe ka bophara,” go tlhalosa jalo 1992 Britannica Book of the Year, “go ne ga swa batho ba le 50 418 000 ka 1991.” Mme fa e sale ka nako eo go sule dimilione di le kae? A ko o akanye fela dikeledi tse dintsi tse di tsholotsweng ke batho ba ba swetsweng! Mme se se oketsang kutlobotlhoko ya bone ke tlhakatlhakano e e bakwang ke megopolo e e sa tshwaneng kaga loso.
Ka jalo, batho ba le bantsi, jaaka Alec, ba utlwa botlhoko, mme ba simolole go belaela gore a tota go na le lebaka la gore ba solofele gore go na le botshelo morago ga loso. Go ya ka Encyclopedia of Religions, “mo dingwageng tse tsotlhe, banna ba ba akanyang ga ba a ka ba ya le mogoro, . . . mme ba ile ba belaela gore moyasebele o le osi kana botshelo bo ka tswelela pele jang kwantle ga boboko le mmele wa motho.”
Se se kgatlhang ke gore, saetlopedia e e fa godimo e dumela gore kgopolo ya bodumedi ya gore moyasebele ga o swe mme o tswelela pele o tshela o kgaogane le mmele ga e tshegediwe ke Bibela. Ke boammaaruri, mo mafelong a se kae, Bibela e a tle e bue gore “moyasebele” wa motho o tswa mo setopong le gore o boela mo go sone, mme lefa go ntse jalo mo mafelong ano “moyasebele” o a bo o dirisiwa go kaya “botshelo,” bo re latlhegetse kana re bo bone gape. (Genesise 35:16-19, NW; 1 Dikgosi 17:17-23, NW) Go le gantsi, lefoko “moyasebele” mo Bibeleng le dirisediwa go tlhalosa dibopiwa tse di bonalang tsa nama le madi, ee, dibopiwa tse di tshelang. (Genesise 1:20, NW; 2:7, NW) Ka jalo, Bibela e bolela kgapetsa kgapetsa gore meyasebele e a swa. (Esekiele 18:4, 20, NW; Ditihō 3:23, NW; Tshenolō 16:3, NW) Lefoko la Modimo le bolela gore fa meyasebele e setse e sule, ‘ga e itse sepe.’—Moreri 9:5, 10.
Kafa letlhakoreng le lengwe, Bibela gone e na le dipego kaga batho ba ba neng ba sule ba bo ba tshedisiwa gape. Ka Lasaro, seno se ne sa diragala go sena go feta malatsi a le mane a ntse a sule. (Yohane 11:39, 43, 44) Lefa go ntse jalo, go tla diragala eng ka batho ba ba suleng dingwaga di le makgolokgolo kana diketekete tse di fetileng? Gore ba tle ba tshele mo isagweng a seno se tla tlhoka gore Modimo o tsose one mmele o ba neng ba na le one fa ba swa?
Nnyaa. Mogopolo o o ntseng jalo ga o dumelane le se se diragalelang diatomo tse di bopang setopo. Fa nako e ntse e ya, dingwe tsa diatomo tseno di amuwa ke dimela, tse morago di jewang ke dibopiwa tse dingwe di bo di fetoga karolo ya mebele ya tsone.
A seno se raya gore ga go na tsholofelo epe ka batho ba ba sa bolong go swa? Nnyaa. Mmopi wa lobopo lwa rona lo logolo o kgona go gopola dilo tse dintsintsi, tse di ka se lekanyediweng. E re ka a kgona go gakologelwa jalo ka tsela e e feletseng, o kgona go gakologelwa botho le mefuta ya dijini tsa motho ope fela yo o tlhokafetseng yo a batlang go mo gakologelwa. Mo godimo ga moo, Jehofa Modimo o na le maatla a go ka bopa mmele wa motho sesha ka mefuta ya dijini tse a neng a na le tsone fa a ne a tshela pele. Gape mo teng ga one a ka tsenya mogopolo le botho jwa motho yo o mo gakologelwang yoo, jaaka Aberahame.
Jesu Keresete o ne a tlhomamisa jaana mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi morago ga loso lwa ga Aberahame: “Moshe le èna o shupile ha go kwadilweñ kaga Setlhare, ha bashwi baa cosiwa, ka a bitsa Yehofa, Modimo oa ga Aberahame, le Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe. Aitse ga se Modimo oa bashwi, ha e se oa batshedi hèla; gonne botlhe ba tshelèla ōna.” (Luke 20:37, 38) Kwa ntle ga Aberahame, Isake, le Jakobe, go na le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba tlhokafetseng ba Modimo a santseng a ba gakologelwa, ba ba emetseng tsogo e e tlang. “Go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi,” Bibela e tlhomamisa jalo.—Ditihō 24:15.
Dibeke di se kae fela morago ga gore Alec a swelwe, o ne a bona dikarabo tsa dipotso tsa gagwe. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a mo etela kwa legaeng la gagwe mme a mmontsha gore Lefoko la Modimo la reng ka ga loso le tsogo. Seno se ne sa gomotsa Alec mme sa dira gore botshelo jwa gagwe bo itumedise go feta pele.
A le wena o ka rata go itse mo go oketsegileng ka ga tsholofelo e e theilweng mo Bibeleng ya tsogo? Ka sekai, a bontsi jwa batho ba ba tsosiwang ba tla tsosiwa kwa legodimong kana mo lefatsheng? Mme motho o tshwanetse a dira eng gore a amogelwe ke Modimo mme a mo dire go ya kafa tsholofetsong ya Gagwe e e molemolemo ya gore batho ba ka nna ba kopana gape le baratiwa ba bone ba ba suleng?