Pego ya Baboledi ba Bogosi
O Ne A Latela Segakolodi Sa Gagwe Se Se Thapisitsweng ka Bibela
KGOSI DAFIDE wa Iseraele o ne a rapelela gore Jehofa a mo thuse fa a ne a re: “Me kaga me ke tla nna ke tsamaea mo go tlhokeñ molato ga me: nthèkolola, me u nnè kutlwèlō botlhoko mo go nna.” (Dipesalema 26:11) Modimo o ne wa mo segofatsa ka ntlha ya go bo a ile a boloka bothokgami jwa gagwe. Jehofa o ne a segofatsa le Jesu ka gonne a ne a dira go rata ga Rraagwe wa selegodimo, mme o ne A segofatsa le mosha mongwe wa kwa Colombia yo o neng a latela segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Bibela e bile a ikaeletse go dira go rata ga Modimo. Lekawana leno le tlhalosa jaana:
“Ke ne ke le moithuti mo sekolong sa Katoliki fa ke ne ke simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, segakolodi sa me se ne se ntshwenya fa ke ne ke nna teng kwa tirelong ya Mmisa, ka jalo ke ne ka ya go buisana le mogokgo wa sekolo (yo e neng e le moruti), mogakolodi wa baithuti le motlhokomedi wa setlhopha sa me ke ba kopa gore ba ntetlelele gore ke se ka ka nna gone kwa tirelong ya Mmisa. Le mororo ke ne ke letleletswe go sa nne teng, bangwe ba ne ba leka go nkgatelela go nna teng. Morago fela fa ke sena go kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kgatelelo e ne ya oketsega. Rre o ne a tshosetsa go nkoba kwa gae fa ke ne ke ka kobiwa kwa sekolong. Maikaelelo a gagwe e ne e le gore ke ye go ithuta kwa yunibesithing le go dira tiro ya porofeshenale.
“Gangwe le gape tlhogo ya sekolo e ne e tlhagisa ka ga ope fela yo o neng a sa tshegetse maitlamo a gagwe a Bokatoliki. Ka nako ya Mmisa wa ntlha wa ngwaga, ke ne ka iphitlha go fitlha o fela. Morago ke ne ka naya morutisi (yo e neng e le moruti) sekaelo sa boroutšhara ya Sekolo le Basupi ba ga Jehofa mme ka mo tlhalosetsa gore jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke ne ke sa kgone go nna gone kwa tirelong ya Mmisa. O ne a re: ‘O tla tshwanela gore o simolole go batla sekolo se sengwe.’ Ke ne ke itse gore rre o ne a tla nkoba kwa gae fa ke ne ke ka kobiwa kwa sekolong. Lefa go ntse jalo, ke ne ka rapela Jehofa mme ka tswelela go neela ditsala tsa me tsa sekolo bosupi jo bo tletseng.
“Go ne ga tla nako ya boikhutso. Mme e ne ya re fa ke boela kwa sekolong morago ga nako ya boikhutso ga tla nako ya Mmisa gape. Mogokgo wa sekolo le baruti ba bangwe ba ne ba eme kwantle fa pele ga kereke go tla go utlwa re ipolela. Ke ne ke tshogile thata. Ke ne ka tsena ka nna fa fatshe, mme segakolodi sa me se ne sa ntshwenya. Fa go ne go simololwa go opelwa, ke ne ka akanya, ‘Tota ke dira eng fa? Modimo wa me ke Jehofa. Nka se nne legatlapa ke mo tsietsa. Nka se mo swabise. Ga a kitla a ntlogela.’ Ke ne ka rapela gore ke nne pelokgale. Go tswa foo ke ne ka tswa mo kerekeng mme ka ema mo moleng wa go ya go ipolela. Fa ke fitlha fa pele ga mogokgo wa sekolo, ke ne ka mo raya ka re: ‘Morutisi, ga ke a tla go ipolela.’ O ne a re: ‘Ke ne ke akanya jalo.’ Ke ne ka mmolelela gore segakolodi sa me se ne se sa ntetle go kopanela mo tirelong ya Mmisa ebile ke ne ke ikemiseditse go emela sengwe le sengwe se se neng se tla diragala. Ke ne ke sa kgone go dira kgatlhanong le se ke neng ke se ithutile go tswa mo Bibeleng.
“O ne a ntlhomile matlho, a nyenya, mme a re: ‘Ke a go tlotla. Lona botlhe Basupi lo tshwanetswe ke tlotlo. Mo go lona, Modimo o tla pele, mme lo ikemiseditse go obamela melao ya gagwe go sa kgathalesege gore go diragala eng. Dira fela jalo. O dira sentle thata. Ke eletsa ekete Bakatoliki botlhe ba ne ba ka bontsha tlhagafalo le go rata Modimo, jaaka lona. Go tloga jaanong o gololesegile mo go kopaneleng mo ditirelong tsa rona tsa bodumedi.’ Abo ke ne ka itumela jang ne! Jehofa o ne a segofaditse maikemisetso a me a go latela segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Bibela.
“Ka letsatsi le le latelang mogokgo wa sekolo o ne a raya baithuti a re: ‘Madumedi a mangwe a a re gaisa. Ke eng fa re sa tshwane le bone, re tlhagafale, re rate Modimo thata e bile re batla go mo direla pele ga dilo tsotlhe? Seno ke selo se se tshwanetseng go nna mo dipelong tsa rona.’
“Kgabagare, mogokgo wa sekolo o ne a fudusediwa kwa Roma, mme mogokgo yo mosha o ne a tlhokomologa go bo ke sa nne le seabe. Rre o ne a tswa mo gae, mme ke ne ke gololesegile jaanong go fitlhelela mokgele wa me wa bodihedi jwa nako e e tletseng fa ke fetsa ka sekolo.”
Jehofa o ne a segofatsa mosha yono yo o neng a latela segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Bibela. O tla segofatsa botlhe ba ba batlang go dira go rata ga gagwe ka tsela e e tshwanang.—Diane 3:5, 6.