LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/15 ts. 32
  • E Tlhwatlhwakgolo go Gaisa Dikorale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Tlhwatlhwakgolo go Gaisa Dikorale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/15 ts. 32

E Tlhwatlhwakgolo go Gaisa Dikorale

Palo e kgolo ya baeng e itumelela go bona dilo tse di gakgamatsang jaaka seno se se kwa tlase ga metsi a Lewatle le Lehibidu.

Ditlhapi tse dintsintsi tsa mebalabala ya mola wa godimo le medumo di kgatlha batho ba ba thumang mo metsing a a phepa ao. Mme ela tlhoko gore mo tikologong ya ditlhapi tse di mebalabala tse di bonwang koo, go na le dilo tse dingwe gape tse di gakgamatsang tsa kafa tlase ga lewatle go akaretsa le dikorale tsa mebalabala tse di phatsimang.

Dikorale tse dintle di teng ka dipopego tse dintsi le ka mebala e mentsi. Jaaka o ka akanya, le mo metlheng ya bogologolo dikgapetla tse dintle tsa dikorale di ne di ja madi a mantsi. Babetli ba ne ba dira mekgabisa e mentle, mme bakwadi ba Bibela ba ne ba umaka dikorale mmogo le gouta, selefera, le dirubi. (Diane 3:14, 15; Esekiele 27:16) Mme bakwadi bao ba re thusa go bona se se fetang bontle le boleng jwa dikorale ka botsone.

Ba ne ba gatelela gore go na le dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo go feta le gore re tshwanetse go di tseela kwa godimo. Mosadi yo o molemo, yo o matsetseleko ke nngwe ya tsone, ka go bo re bala jaana: “E mañ eo o ka bōnañ mosadi eo o mokgwa o o iphaphileñ? gonne tlhōtlhwa ea gagwè e heta ea [dikorale, NW] kgakala.” (Diane 31:10) A o monna yo o nyetseng? Leba dikorale tseno tse dintle thata, mme o lebe gore a o tseela mosadi wa gago kwa godimo jaaka go mo tshwanela.

Lefa re ka tswa re le banna kana basadi, re nyetse kana re se mo lenyalong, fa re bona dikorale tse dintle re tshwanetse go anaanela botlhale jwa bomodimo, temogo, le kitso. Lefoko la Modimo la re: “Go tlhōgōnōlō motho eo o bōnañ botlhale, le motho eo o bapalañ tlhaloganyō. Gonne tlhōtlhwa ea yōna e gaisa tlhōtlhwa ea selefera, le papadi ea yōna e gaisa papadi ea gouda e e itshekileñ. [Bo] tlhōkèga bogolo go [dikorale, NW]: me mo diloñ cotlhe tse u ka di eletsañ ga go sepè se se chwantshiwañ [le jone].”—Diane 3:13-15; 8:11.

Ka jalo le fa re ka di bona re thuma kana mo ditshwantshong, dikorale tsa Lewatle le Lehibidu di tshwanetse go re akantsha ka bontle le dilo tse di mosola tse re tshwanetseng ra akanya ka tsone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela