Bosigo Jo Bo Tshwanetseng go Gopolwa
JEHOFA MODIMO o ne a laela Baiseraele ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Egepeto gore ba bolaye kwanyana mme ba kgatshe madi a yone mo mepakwaneng le mo mepakong ya mejako ya matlo a bone ka letsatsi lengwe le le ka se kang la lebalwa, dingwaga tse 3 500 tse di fetileng. Ka jone bosigo joo, moengele wa Modimo o ne a tlolaganya matlo a a tshwailweng ka tsela eo mme a bolaya barwa botlhe ba maitibolo ba ba mo matlong a Baegepeto. Morago ga moo Baiseraele ba ne ba gololwa. Fa e sa le ka nako eo, Bajuda ba ne ba nna ba keteka Tlolaganyo ka letsatsi le tiragalo eno e diragetseng ka lone.
Ka bonako fela fa Jesu Keresete a sena go fetsa go keteka Tlolaganyo ya gagwe ya bofelo le baaposetoloi ba gagwe, o ne a simolola sejo se e neng e tla nna segopotso sa loso lwa gagwe lwa setlhabelo. O ne a naya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang senkgwe mme a ba raya a re: “Tsaeañ lo yè; se ke mmele oa me.” Morago ga foo a tsaya senwelo sa beine mme a re: “Nwañ lotlhe ga shōna; gonne se ke madi a me a kgōlaganō e ncha, a a chololèlwañ ba le bantsi go tla ba ichwarèlwa dibe.” Jesu o ne a bolela gape jaana: “Dihañ mo lo nkgopolè ka gōna.” (Mathaio 26:26-28; Luke 22:19, 20) Ka jalo, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go nna ba gopola loso lwa gagwe.
Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o nne le bone fa ba keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu. O ka nna wa ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le legae la gago. Botsa nako le lefelo le le siameng mo Basuping ba mo lefelong la lona. Letlha la segopotso seno ka 1994 e tla nna Matlhatso, March 26, senkgwe le beine di tla tsamaisiwa fa letsatsi le sena go phirima.