LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 1/15 ts. 32
  • Jaaka Diapole Tsa Gouta

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jaaka Diapole Tsa Gouta
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 1/15 ts. 32

Jaaka Diapole Tsa Gouta

ABO diapole di kgatlha jang fa o di leba e bile di le monate jang ne fa o di ja! Bibela e dirisa loungo lo lo monate lono mo tshwantshanyong e e dirang gore motho a akanye tota fa e re: “Lehoko ye le buiwañ ka tebañ ea yeōna, le chwana yaka boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera.” (Diane 25:11) Polelo eno e bolela eng?

“Boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera” seno se ka nna sa kaya sengwe se se betlilweng, jaaka sejana sa selefera se se gabilweng se na le maungo a gouta. E re ka ditemana tse di simololang tsa kgaolo eno di umaka go ema fa pele ga kgosi Dia 25:2, 3, 5, 6, temana eno e ka nna ya bo e bolela ka dimpho tse di fiwang mmusi mongwe—mekgabisa ya gouta e e bopegileng jaaka diapole e le mo dijaneng tsa selefera. (Diane 25:6, 7) Bontle jo bo kgatlhang eleruri!

Mafoko a a tshwanetseng, a a tlotlegang, a a buiwang ka nako e e tshwanetseng, a kwadilwe kana a buiwa, a mantle ka tsela e e tshwanang. A a kgatlha, a a kgothatsa, e bile a solegela molemo ka ditsela tse dintsi. Mafoko a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a a mo Bibeleng ke one a segolobogolo a leng mantle jaaka “boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera.”

Jaaka go supilwe ke mafoko a a nayang botlhale a ga Kgosi Solomone a a mo go Diane 25:11, o ne a “leka go lemoga mahoko a a lebosègañ, le shōna se se kwadilweñ ka thōkgamō, eboñ mahoko a boamarure.” (Moreri 12:10; Diane 25:1) Paulo, moaposetoloi wa Mokeresete, o ne a kwala jaana makgolo a dingwaga moragonyana: ‘Lokwalo longwe le longwe lo kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo e bile lo molemo.’ (2 Timotheo 3:16) Ee, Bibela e na le kgakololo e e thusang, boperofeti, mafoko a a buang ka tsela ya ditshwantsho, le boammaaruri jo bo nayang botlhale tota le jo bo kgatlhang, joo bo gaisang sepe fela se se ka dirwang ke motaki wa setswerere. Mo godimo ga moo, mongwe le mongwe yo o bonang botlhale jo bo tswang mo Bibeleng, Lefoko la Modimo, o a bo a bone sengwe sa tlhwatlhwa e e ka se kang ya lekanngwa e bile a ka solofela go tshelela ruri.—Diane 4:7-9; Yohane 17:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela