LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 1/1 ts. 32
  • A Di Ka Go Solegela Molemo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Di Ka Go Solegela Molemo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 1/1 ts. 32

A Di Ka Go Solegela Molemo?

MAKASINE o o o tshwereng o diretswe go kgothatsa, o gopotsa dikaelo tsa Bibela tse di ka thusang go nonotsha malapa le go tshegetsa bothokgami jwa motho ka namana. O bontsha gore metlha ya gompieno e e tletseng matshwenyego e ne e boleletswe pele mo Bibeleng, mme o gatelela gore tharabololo ke efe—puso ya Bogosi jwa Modimo. A o ka solegelwa molemo ke Tora ya Tebelo le Tsogang!, e leng makasine o o tsamayang mmogo le ono?

Mosadi mongwe wa kwa Philippines yo o bidiwang Vilma o ne a kwala jaana: “Fa e le gore go na le lefoko le nka le dirisang go tlhalosa dikgatiso tsa lona, ke akanya gore ke ne ke ka tlhopha lefoko ‘molemolemo.’ Ke ne ka bona ka ba ka bala Tsogang! ya lona le Tora ya Tebelo e le la ntlha fa ke ne ke tsamaya ka bese ke boela gae ke tswa Manila. Gantsi ke tsamaya ke tshotse dipampiri tsa dikgang fa ke le mo mosepeleng, mme lefa go ntse jalo ka lekgetlho leno ke ne ke sa tshola dipe.

“Ke ne ka tsamaya ke bapile le monna mongwe wa dingwaga tse di mo bogareng a tshotse dikgatiso tsa lona. Fa a sena go bala Tsogang!, o ne a ntsha makasine o mongwe, Tora ya Tebelo. Ke ne ka dirisa sone sebaka seo go adima Tsogang! Go bua boammaaruri fela, ke ne ka itumelela go bala dimakasine tseo thata ka gonne ditlhogo tsa tsone di ne di kgatlha, di le mo nakong, e bile di kgothatsa.”

Mosadi yono o ne a konela ka go re: “Ruri ke batla go amogela dimakasine tsa lona. Tsweetswee mpolelelang gore ke ka di amogela jang.” Lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Philippines le ne la itumelela go direla mosadi yono molemo wa go mo akaretsa mo lenaaneng la bone la batho ba ba di romelelwang ka poso.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela