Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Tsepama go Duela Tota
JESU o ne a bolelela pele gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla bogisiwa mme le moaposetoloi Paulo o ne a bua fela jalo, jaaka fa 2 Timotheo 3:12 e re: “E, le botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Jesu ba tla bōna pogishō.” Lefa go ntse jalo, go direla Jehofa Modimo o tsepame go duela tota.
◻ Go ne ga nna jalo kwa toropong nngwe e e kwa lobopong lo lo kwa bokonebotlhaba jwa Malaysia. Rre mongwe o ne a palelwa ke go kganela bomorwadie ba bararo le bomorwawe ba bararo go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa lefa e ne e le motho yo o ineetseng thata mo Sebudeng e bile a ne a tlhatlhelela bana ba gagwe thata ka sone. Tota le mosadi wa gagwe o ne a kgatlhegela boammaaruri. Letsatsi lengwe moagisani o ne a kgesa rre yo jaana: “Ke eng fa o palelwa ke go laola bana ba gago o bo o ba letlelela go nna Basupi ba ga Jehofa? Nna le banake botlhe re tla ngaparela bodumedi jwa Sebuda jwa borraaronamogolo. O tlhomola pelo ruri!”
Rre yono o ne a itlhaganelela kwa gae a fitlha a tshosetsa ka gore o tla itaya kgaitsadi yo o neng a ithuta le bana ba gagwe. Lefa go ntse jalo, bana ba ne ba mo kgwabofatsa mme ba tswelela ka go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa le go ya dipokanong ba engwe nokeng ke mmaabone.
Lefa go ntse jalo, kgabagare rre yono o ne a kgobokanya lelapa lotlhe. O ne a ba laela jaana: “Mpolelelang gore lo tlhopha eng gareng ga me, go nna mo gae, le go nna Bakeresete lo bo lo tswa mo ntlong eno.” Ka bonako fela, morwawe yo mogolo, mosimane wa lentswe le le bonolo, ke fa a simolola go paka dilwana tsa gagwe gore a tsamaye. Rraagwe o ne a tlhaeletsa jaana: “Nnyaa! Go botoka gore ke swe gonne lotlhe lo bana ba diganana.” Go tswa foo o ne a betsega mo ntlong a setswe morago ke lelapa la gagwe, le le neng le mo rapela gore a se ka a ipolaya. Ka ntlha ya go gakgamadiwa ke tsela e ba neng ba mo kopa ka yone, o ne a boela gae.
Go ne ga feta nakonyana. Rre yono o ne a simolola go lemoga tsela e e molemo eo boammaaruri jwa Bibela bo neng bo tlhotlheletsa maitsholo a bana ba gagwe ka yone. Letsatsi lengwe o ne a kopana le tsala ele ya gagwe e e kgesang, e ka nako eo e neng e hutsafetse, mme e ne ya re: “Banake ba ntshwabisitse. Ba a ntsietsa e bile ba a nkutswetsa.” Mme rre yo bana ba gagwe ba neng ba ithuta le Basupi ba ga Jehofa o ne a re: “Ao, mme nna banake ga ba a nna jalo! Ba molemo thata mo go nna e bile ba nthusitse go duelela sekoloto sa koloi ya me ka nako ya fa ke ne ke sa bereke.”
Gompieno jaana, bomorwadie ba bararo le mmaabone ba kolobeditswe. Morwawe yo mongwe ke mmulatsela yo o kgethegileng. Mme go tweng ka rre yono yo o neng a ineetse thata mo bodumeding jwa gagwe e bile a le bogale? Gone jaanong o botsalano e bile o kile a tla Segopotsong.
Jehofa o ne a duela morwawe le bokgaitsadie ba bararo tota le mmaabone ka gonne ba ile ba tsepama mo go Ene. Jaanong ke bareri ba ba tlhagafetseng ba Bogosi, ba itumedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.