LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/1 ts. 32
  • Leina la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leina la Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/1 ts. 32

Leina la Modimo

“Kwantle ga gore Jehofa a age ntlo, baagi ba yone ba direla lefela.” Mokwalo ono wa Selatine o balega jalo. Mafoko ano a theilwe mo go Pesalema 127:1 mo Bibeleng, mme a tshotse boammaaruri jo bo tletseng: Boiteko bope fela jo Jehofa a sa bo segofatsang kgabagare bo nna jwa lefela.

Mokwalo ono, o o kwadilweng ka 1780, o mo kagong nngwe kwa Colombo, kwa Sri Lanka, mme o ne wa lemosega ka gonne o na le leina la Modimo, Jehofa. (Bona senepe.) Mo makgolokgolong a dingwaga pelenyana leina leo le ne le dirisiwa thata. Gantsi le ne le kwalwa mo dikagong tsa lefatshe, mo dikerekeng, le mo mading tota. Barongwa ba ne ba dirisa leina la Modimo fa ba ne ba tsamaya ka Bibela kwa dinageng tse di kgakala, kwantle ga pelaelo ke gone ka moo le ileng la kwalwa mo mokwalong ono wa kwa Sri Lanka.

A bo dilo di farologane jang ne gompieno! Ke ba sekaenyana fela ba ba ipolelang e le Bakeresete ba ba dirisang leina la Modimo. E bile bakanoki ba bangwe ba tshwaya Basupi ba ga Jehofa phoso go bo ba le dirisa thata. Ka ntlha yang? Ba bangwe ba bolela gore ke ka gonne tsela e le neng le bitswa ka yone ka Sehebera ga e itsiwe sentle. Mme lefa go ntse jalo ke ba le kae ba ba itseng tsela e leina la ga Jesu le neng le bidiwa ka yone ka Sehebera sa kwa tshimologong? Lefa go ntse jalo, leina la gagwe le dirisiwa mo lefatsheng lotlhe e bile le a tlotliwa.

Jesu o ne a tsaya leina la Modimo le le botlhokwa thatathata. O ne a re ruta go rapela jaana: “Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Mathaio 6:9) Mme e ne ya re fela pele ga loso lwa gagwe, o ne a bolelela Modimo jaana: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea.” (Yohane 17:6) Bakeresete ba boammaaruri ba latela dikgato tsa ga Jesu. A le bone ga ba a tshwanela go ‘dira gore leina la Modimo le bonadiwe’? Basupi ba ga Jehofa ba dira jalo, e bile Jehofa o segofatsa thata “ntlo” ya bone. Mo go bone pesalema e bolela boammaaruri fa e re: “Go segō chaba e Modimo oa eōna e leñ Yehofa.”—Pesalema 144:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela