Jaaka Setlhare
“MABOKO a dirwa ke dieleele tse di tshwanang le nna, mme ke Modimo fela a kgonang go dira setlhare.” Mokwadi wa maboko ebong Joyce Kilmer o ne a tlotlomatsa Modimo jalo ka ntlha ya ditlhare tse a di bopileng fa a ne a tlhomolola mesola e mentsi ya tsone.
Jehofa Modimo o dirile ditlhare tsa mefutafuta, tsa bontle jo bo sa tshwaneng, le tse di mosola ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ditlhatshana le ditlhare tse dikgolo ka go tshwana di ka nna dintle mo o ka palelwang ke go di tlhalosa. Mo godimo ga moo, ditlhare di ntsha dijo, lookwane, e bile di a sireletsa. E bile batlhami ba nnela go dirisa logong ka ditsela tse disha.
Gantsi ditlhare mo Bibeleng di dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go emela magosi, babusi, le batho. (Esekiele 31:1-18; Daniele 4:10-26) Ditlhare di umakiwa fa go buiwa ka batho ba ba itumetseng, ba ba mo kagisong, le maungo a a nnang teng ka ntlha ya puso ya ga Jehofa le go tsosolosiwa ga batho ba gagwe. (1 Ditihalō 16:33; Isaia 55:12; Esekiele 34:27; 36:30) Dikwalo gape di solofetsa gore malatsi a batho ba Modimo a tla tshwana le a setlhare. (Isaia 65:22) Seno se kaya go le gontsi fa re lemoga gore ditlhare dingwe di tshela makgolokgolo a dingwaga.
Mokwadi wa dipesalema tsa Bibela o ne a bolela gore motho yo o itumelelang molao wa Modimo “o tla nna yaka setlhare se se tlhomilweñ mo dinokaneñ tsa metse se se uñwañ louñō loa shōna mo motlheñ oa shōna, se lekakaba ya shōna, le yeōna, le se keñ le shwaba; me leha e le eñ se o se dihañ se tla segōhala.” Setlhare se se golang se se jadilweng gaufi le motswedi o o tletseng metsi se ne se gakolola mokwadi yono wa dipesalema ka kgatelopele ya semoya e e dirwang ke yo “go itumèla ga gagwè go mo molaoñ oa ga Yehofa.” (Pesalema 1:1-3) Malatsi a gago a ka lekana le a setlhare fa o itumelela molao wa Modimo le Lefoko la gagwe Le Le Boitshepo. E bile tota, o ka solofela go tshelela ruri, fa o dira tumalanong le kitso ya boammaaruri e o nang nayo ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete.—Yohane 17:3.