A go Tshelwa Madi go Tseelwa kwa Godimo Thata?
Go tshelwa madi go tlwaelegile mo kalafing ya segompieno, mme a go mosola jaaka go bolelwa? Wena o akanya jang?
Mo go The American Journal of Medicine (February 1993), Dr. Craig S. Kitchens o ne a botsa jaana: “A go Tshelwa madi go tseelwa kwa godimo thata?” O ne a bolela gore gantsi dingaka di sekaseka ka kelotlhoko go bona gore a melemo ya kalafi e feta kotsi e e ka e bakang. Go tweng ka go tshelwa madi?
Kitchens o ne a tlhatlhoba bosupi jo bo neng bo supa dikotsi tse di amanang le go tshelwa madi, tse di ntseng jaaka hepatitis, go nna ga mmele mo kotsing ya go palelwa ke go lwantsha malwetsi, go sa dire sentle ga dirwe dingwe tsa mmele, le diphetogo tse di nnang teng mo mmeleng ka ntlha ya go tsenngwa kana go ntshiwa ga serwe se se rileng mo mmeleng. Patlisiso nngwe e e neng e sobokanya “mathata a a seng kana ka sepe a a raraaneng” a a bakiwang ke go tshelwa madi “e konela ka gore lekgetlo lengwe le lengwe le motho a tshelwang madi ka lone go na le selekanyo sa 20 lekgolong sa gore mmele o ka a gana, diphetogo dingwe tse di bakiwang ke go gana ga mmele sengwe se se rileng ke tse di sa reng sepe, mme tse dingwe di kotsi,” e bile tse dingwe di ka baka loso.
Lefa go ntse jalo, a melemo e go akanngwang gore e ka nna teng e dira gore go tshwanele gore motho a ipeye mo dikotsing tse di ntseng jalo?
Dr. Kitchens, o ne a tlhatlhoba dipego di le 16 tse di neng di bega ka dikaro tse 1 404 tse di neng tsa dirwa mo Basuping ba ga Jehofa, ba ba neng ba gana go tshelwa madi ka go bo ba utlwa taolo ya Bibela e e reng ‘lo ithibe mo mading.’—Ditihō 15:28, 29.
Go ne ga felela jang? “Go bonala tshwetso ya balwetsi ba e leng Basupi ba ga Jehofa ya go gana go tshelwa madi e e leng nngwe ya dikgato tse di latelwang fa go dirwa dikaro tse dikgolo e oketsa kotsi ya go ka swa ka 0,5 go ya go 1,5 lekgolong e e leng teng mo karong ka boyone. Se se sa itsiweng ke gore go tilwa malwetsi a a kana kang le dintsho tse di kana kang ka go gana go tshelwa madi, mme lefa go ntse jalo, gongwe selekanyo sa bone sa go tila malwetsi le go swa go feta selekanyo sa kotsi e e leng teng ya go se tshelwe madi.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ntlha e a neng a batla go e tlhagisa ke efe? Ke gore kotsi epe fela ya kalafi e e nnang teng ka ntlha ya go gana go tshelwa madi e kwa tlase ga dikotsi tse di nnang teng ka ntlha ya go tshelwa madi.
Ke ka lebaka leo Kitchens a neng a botsa potso e e utlwalang e e reng: “Fa e le gore go sa tshelwe madi ga Basupi ba ga Jehofa go dira gore go se ka ga nna le malwetsi a mantsi a a masisi le gore ba se ka ba swa e bile go fokotsa ditshenyegelo le go thibela malwetsi a a sa foleng, a go tshwanetse ga fokodiwa go tshela balwetsi ba bangwe madi?”
Ba ba ganang go tshelwa madi ka ntlha ya bosupi jono ba tla bo gape ba dira tumalanong le dikaelo tsa Mmopi wa rona.