A O Kile Wa Tshuba Naga?
LE KA MOTLHA, wa rialo. Mme a ko o iketle pele! Gongwe o kile wa e tshuba. Utlwa mafoko a ga morutwa Jakobe: “Loleme le lōna ke tokololō e pōtlana, me lo bolèle dilō tse dikgolo ka go ipelahatsa. Bōnañ, sekgwa se segolo yañ se se chuywañ ka molelō o le monnyennye!”—Yakobe 3:5.
Loleme ke karolo ya botlhokwa e e dirisiwang go bua, mme a bo e sa ka ya dirisiwa sentle jang ne! Batho ba dirisa loleme go aka le go senya ba bangwe. Ba le dirisa go sotla ba bangwe mo go botlhoko, go ba senya maina, le go ba tsietsa. Batho ba ba tsosang mekubukubu ba dirisa loleme go tlhotlheletsa batho go lwela diphetogo. Adolf Hitler o ne a dirisa lwa gagwe go rulaganyetsa morafe go lwa—‘molelo wa naga’ tota!
Le eleng ba ba nang le maitlhomo a mantle fela ba ka kuketsa ‘melelo ya naga’ e menyenyane. A o kile wa bua sengwe mme wa bo o setse o eletsa e kete o ka metsa mafoko ao? Fa e le gore go ntse jalo, o tlhaloganya gore Jakobe o ne a raya eng fa a re: “Loleme lōna, ga go na motho opè eo o ka lo tantshañ.”—Yakobe 3:8.
Lefa go ntse jalo, re ka leka go dirisetsa loleme lwa rona sengwe se se molemo. Jaaka mopesalema, re ka bolela jaana ka go ititaya sehuba: “Ke tla tlhōkōmèla ditsela tsa me, gore ke se ka ka leoha ka loleme loa me.” (Pesalema 39:1) Go na le go sotla ba bangwe mo go botlhoko, re ka leka go ba agelela. Go na le go senya batho maina, re ka bua dilo tse di ntle ka ga bone. Go na le go tsietsa le go fora, re ka bua boammaaruri le go kaela. Fa loleme lo tlhotlhelediwa ke pelo e e siameng, lo ka bua mafoko a a molemo a phodiso. Jesu o ne a dirisa loleme lwa gagwe ka tsela e e molemo go ruta batho kaga poloko.
Eleruri, “losho le botshelō di mo thateñ ea loleme.” (Diane 18:21) A loleme lwa gago lo lere loso kana botshelo? A lo tshuba ‘melelo ya naga’ kana lo a e tima? Mopesalema o ne a rapela Modimo jaana: “A loleme loa me lo ōpèlè lehoko ya gago; gonne ditaolō cotlhe tsa gago di tshiamō.” (Pesalema 119:172) Fa re tlhagolela boikutlo jo bo tshwanang le jwa mopesalema, le rona re tla dirisa loleme lwa rona ka tsela e e siameng.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
U.S. Forest Service photo