Fela Jaaka Ditsie
A O KILE wa tsamaya mo tlhageng e khutshwane mme wa bona ditsie di ntse di tlolatlola di tloga fa o tla fetang teng? Di ne di lebega di le gongwe le gongwe, le mororo o ka tswa o ne o sa di ele tlhoko. Mme di lebega di ka se dire ope sepe e bile di se botlhokwa.
Lefa go ntse jalo go bonala ga ditsie di se botlhokwa go ka tshwantshetsa batho sentle. Le mororo batho bangwe ba maemo a a kwa godimo ba ka nna ba iteba ba le botlhokwa thata, Mmopi wa rona ene ga a ba lebe jalo. Moperofeti wa gagwe Isaia o ne a bolela jaana: “Ke èna eo o dutseñ mo go okameñ lehatshe, me banni ba yeōna ba nntse yaka ditsiakgopi hèla.”—Isaia 40:22.
Maatla le botlhale jo bogolo jwa ga Jehofa Modimo ke tsone tse di dirang gore a fete batho thata, fela jaaka motho a feta tsie ka kitso le maatla. Lefa go ntse jalo, nonofo ya Modimo e kgolo ke lorato. E bile lorato lwa gagwe lo lo sa lekaneng le lepe le mo dira gore a re ele tlhoko, a re thuse, a bo a re boloke—fela fa re mo rata le fa re mo utlwa. Jehofa o re direla ka lorato, le eleng lefa re tshwana le ditsie fela tse di seng botlhokwa. Mopesalema o ne a bolela jaana: “Emañ eo o chwanañ le Yehofa Modimo oa rona, eo setulō sa gagwè se kwa godimoñ? Eo o ikokobetsañ gore a bōnè dilō tse di kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. O kakatlolola mohumanegi mo loroleñ, a choletse motlhoki a mo tlose mo thothoboduñ.”—Pesalema 113:5-7.
Fela jaaka pesalema eno e tlhalosa, Jehofa o thusa ba ba ikokobetsang ka lorato. Ee, O thusa ba ba ikokobetsang mme ba ‘batla Modimo gore ba o bone.’ (Ditihō 17:27) Bao ruri ba bonang Modimo—ba bo ba o direla—ba botlhokwa fela thata mo matlhong a gagwe. (Bapisa Isaia 43:4, 10.) Ka jalo tsie e e nyatsegang e re gakolola gore rona ka borona ga re botlhokwa ka gope e bile e re gakolola ka lorato lwa Mmopi wa rona yo o nang le thata yotlhe, yoo a tsalanang le batho ba ba ikokobetsang le go ba supetsa bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang. A o supa fa o anaanela lorato lwa Modimo?