LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 8/1 ts. 32
  • Go Batla Dikhumo Tse Di Fitlhegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Batla Dikhumo Tse Di Fitlhegileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 8/1 ts. 32

Go Batla Dikhumo Tse Di Fitlhegileng

KA 1848 go ile ga bonwa gauta gaufi le Tshilo ya ga Sutter kwa California, kwa U.S.A. Mo e ka nnang ka 1849 go ne go setse go kokoane diketekete mo lefelong leo ba solofetse go huma ka bonako, mme go ne ga simololwa moepo o mogolo wa gauta mo hisitoring kwa United States. Mo lobakeng lwa ngwaga fela boemakepe jo bo gautshwane, e leng San Francisco, e e neng e le torotswana fela, bo ne jwa gola jwa nna motse wa batho ba le 25 000. Kgonagalo ya gore motho a ka huma ka bonako e ne ya nna yone kgogedi e kgolo thata.

Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo o ne a itse gore banna ba dira ka natla jang fa ba epa dikhumo tse di fitlhegileng, mme o ne a bua ka seno fa a ne a kwala jaana: “E, ha u tlhaeletsa tlhalemaleye, me ua choleletsa tlhaloganyō lencwe ya gago; Ha u mmatla yaka e ka bo e le selefera, ha u mo hukuletsa yaka e ka bo e le dikhumō tse di shubegileñ; Hoñ u tla tlhaloganya go boiha Yehofa, me u tla bōna kicō ea Modimo.”—Diane 2:3-5.

O ka kgona go dira dilo tse dintsi ka gauta le selefera, mme o ka dira mo go oketsegileng fa o na le botlhale le temogo. Dilo tseno di tla go thusa go dira ditshwetso tse di siameng, go rarabolola mathata, go nna le lenyalo le le atlegileng le go bona boitumelo. (Diane 2:11, 12) Ka mo go tshwanang, kitso ya boammaaruri le botlhale di tla go thusa go itse Mmopi wa gago, gore o tlhaloganye maikaelelo a gagwe, o mo utlwe le go mo itumedisa. Gauta ga e ka ke ya go fa sepe sa dilo tseno.

Mafoko ano a Bibela a boammaaruri: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso, mme molemo wa kitso ke gore: botlhale bo boloka mong wa jone.” (Moreri 7:12, New International Version) Le mororo ba le bantsi ba eletsa go huma ka bonako, abo go le botlhale jang le go feta go bula Bibela le go hukutsa temogo, tlhaloganyo, kitso le botlhale tse eleng tsone khumo ya boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela