“Seshupō Se Se Cwañ Legodimoñ”
LEBOKO la bogologolo la bosa la re: “Maru a mahibidu bosigo, itumeleng batsamaikadikepe,/Maru a mahibidu mosong, itlhokomeleng batsamakadikepe.” Gompieno, go dirisiwa disatelaete, go ithuta ditempereitšhara ka dikhomputara, diradara tsa Doppler, le mekgwa e mengwe ya saense go lepa loapi. Gantsi diponelopele di dumalana le leboko le le sa tswang go umakiwa.
Ka nako nngwe baba ba ga Jesu Keresete ba bodumedi ba ne ba re a dire “seshupō se se cwañ legodimoñ,” ba batla gore a dire selo se se sa tlwaelegang gore a itshupe gore ke Mesia. “Ea re ha go le maitsiboea,” o ne a bolela jalo, “loa tlo lo re, Go tla coga go sele; ka legodimo le le lehibidu. Me e re ka moshō, lo re, Go tlhōla go le letlōlōlō: ka legodimo le le lehibidu le boncho. Lo itse go lemoga pōnalō ea legodimo; me lo palèlwa ke go re, metlha e kaèla kae? Losika lo lo boshula, le loa boaka, lo batla seshupō; me ga lo ketla lo nèwa seshupō sepè, ha e se seshupō sa ga Yona.”—Mathaio 16:1-4.
Baba ba ga Jesu ba ne ba kgona go bolelela pele gore maemo a bosa a tla nna jang mme ba ne ba sa kgone go tlhaloganya dilo tsa semoya. Ka sekai, go tweng ka “seshupō sa ga Yona”? Fa a sena go nna malatsi a a ka nnang mararo mo mpeng ya tlhapi, moperofeti yono wa Modimo ebong Yona o ne a rera kwa Ninefe ka gone a nna sesupo mo moshateng oo wa Asiria. Kokomana ya ga Jesu e ne e ya bona “seshupō sa ga Yona” ka nako ya fa Keresete a ne a fetsa dikarolo tsa malatsi a le mararo mo lebitleng a bo a tsosiwa mo baswing. Barutwa ba gagwe ba ne ba bolelela botlhe bosupi jwa tiragalo eo, mme ka gone Jesu e ne e le sesupo mo kokomaneng eo.—Mathaio 12:39-41.
Ka lekgetlo le lengwe gape, barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo kopa “seshupō” se se tla supang fa a setse a le “gone” mo isagweng jaaka kgosi mo Bogosing. O ne a ba araba ka go ba naya sesupo sa dikarolo tse dintsi, go akaretsa le dintwa tse di sa tshwaneng le dipe, dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, ditlala, le go rera mo lefatsheng lotlhe gore Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo tlhomilwe.—Mathaio 24:3-14.
A o kgona go bona sesupo sa gore Keresete o teng jaaka Kgosi ya selegodimo e e sa bonaleng? Dikarolo tsa sone di a diragadiwa mo kokomaneng eno. (Mathaio 24:34) Mme go tweng ka isagwe? Bibela ga e supe fela gore tsamaiso eno ya dilo e tla tloga e khutla mme gape e bolelela pele gore letsatsi le lesha la Modimo le o le solofeditseng le tla tloga le tlhabela batho le phatsima.—2 Petere 3:13.