O Ne A Lwela Tumelo ya Gagwe
DINGWAGA tse tharo tse di fetileng go ne ga tlhokega gore Caridad Bazán Listán, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Cádiz kwa Spain a ariwe ka bonako. O ne a na le matlapana mo santlhokweng ao a neng a dira gore a gotele mme ebile a dira gore madi a gagwe a nne le botlhole. E ne ya re fa ba mo dumelela kwa kokelong, a tlhalosa boemo jwa gagwe jo bo theilweng mo Bibeleng malebana go gana go tshelwa madi. Dingaka di ne tsa dumela go mo ara kwantle ga go mo tshela madi. Lefa go ntse jalo, e ne ya re pele fela ga gore a tsenngwe mo kamoreng ya karo, dingaka di ne tsa mo kopa gore a saene foromo nngwe. E ne e bontsha gore ba ne ba iketleeditse go tlotla tshwetso ya gagwe malebana le madi, mme ba ne ba batla tetla ya gagwe ya gore fa go ka diragala sengwe se se sa lebelelwang ba dirise kalafi lefa e le efe e e tla tlhokegang.
Mogolwane mongwe yo o neng a le teng kwa kokelong mmogo le morwa wa ga Caridad, yo le ene e leng Mosupi, ba ne ba gakolola Caridad gore go saena foromo eo go ne go raya eng. Mosaeno wa gagwe o ne o tla dumelela dingaka go mo tshela madi fa go ka diragala sengwe se se sa lebelelwang. Fa badiri ba kalafi ba tla go mo tsenya mo kamoreng ya karo, o ne a ba tlhalosetsa gore o ne a se kitla a saena pampiri eo. Ka yone nako eo o ne a busediwa kwa kamoreng ya gagwe mme a gatelelwa gore a fetole mogopolo wa gagwe.
Morago ga dipuisano di le mmalwa ba ne ba swetsa ka go bitsa moatlhodi yo o itseng ka tsa kalafi gore a tle go mo dira gore a fetole mogopolo, mme o ne a itaya sefololetse. Caridad o ne a tlhalosa gore o ne a ikutlwa gore o tla bo a le molato mo Modimong fa a ne a ka ba dumelela gore ba mo tshele madi. O ne a bontsha gore mo Molaong wa ga Moshe, e ne e re fa mosadi a betelelwa, o ne a sa bonwe molato fa a ne a leka go gana seno ka go kua mokgosi gore a bone thuso. (Duteronome 22:23-27) “Dingaka di itlhokomolosa dikeletso tsa me mme ba leka go gatelela segakolodi sa me,” a bolela jalo, “ka jalo ke tshwanetse go gana seno fela jaaka ekete ba ne ba mpetelela.”
Go ne ga feta diura di sekae mme la bofelo dingaka tsa dumela go mo ara kwantle ga madi. Kwa kamoreng ya karo, Caridad o ne a kopa tetla ya go rapela Jehofa. O ne a rapela, mme karo e ne ya atlega.
Lefa go ntse jalo, moragonyana ga moo boemo jwa ga Caridad bo ne jwa nna maswe, mme dingaka di ne tsa swetsa ka gore ba tla tlhokomologa dikeletso tsa gagwe mme ba mo tshele madi ka go mo patelela. Ka jalo, ngaka nngwe le mooki ba ne ba baakanyetsa go mo tshela madi. Le mororo a ne a le bokoa, Caridad o ne a gana ka maatla a gagwe otlhe. O ne a kgona go loma tšhupu e madi a neng a tshwanetse go elela ka yone. Kgabagare, ngaka e ne ya ikutlwa e tlhabilwe ke ditlhong thata mo e leng gore e ne ya ineela. “Nka se kgone go tswelela ka seno. Ke a ineela!” a bolela jalo.
Caridad o ne a fenya boemo jono mme a nna botoka kwantle ga mathata ape a mangwe. Dingaka mmogo le baoki ba ne ba kgatlhiwa thata ke tumelo le bopelokgale jwa gagwe. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa diragala fa Caridad a ne a na le dingwaga di le 94.