Ke ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go “Ea kwa Choshwaneñ”?
KGOSI Solomone yo o botlhale wa Iseraele wa bogologolo o ne a gakolola jaana: “Ea kwa choshwaneñ.” Ke ka ntlha yang fa a ne a rialo? Re ka ithuta eng mo ditshoswaneng?
Solomone o ne a oketsa jaana: “U akanye mekgwa ea [tshoswane] me u tlhalehè: E e reñ e sena kgosi, leha e le molebedi, kgotsa molaodi, E be e etleetse diyō tsa eōna go le selemō, e kokotletse diyō tsa eōna mo lobakeñ loa thōbō.” (Diane 6:6-8) Mafoko ao a a builweng bogologolo a bolela boammaaruri bongwe joo batho ba ba ithutang hisitori ya dilo tsa tlhago ba segompieno le bone ba ileng ba bo lemoga.
Mokwadi wa diane ebong Agure o bontsha gore tshoswane e na le “botlhale yo bo heteletseñ.” (Diane 30:24, 25) Gone mme, ga di dire ka botlhale gonne di kgona go akanya dilo ka tsela e e matsetseleko mme ke jwa dinonofo tsa tlhago tse Mmopi a di di neileng. Ka sekai, dinonofo tsa ditshoswane tsa tlhago di di dira gore di phuthe dijo tsa tsone ka nako e e tshwanetseng.
Ditshoswane di na le thulaganyo ka tsela e e gakgamatsang. Di dirisana mmogo sentle ebile di thusa tse di dirang le tsone, di thusa tse di gobetseng kana tse di lapileng gore di boele kwa mosimeng. Di baakanyetsa isagwe le go dira sengwe le sengwe fela se di ka se kgonang go wetsa tiro ya tsone ka ntlha ya dinonofo tsa tlhago.
Tsela ya tlholego e tshoswane e dirang ka yone e kaya gore batho ba tshwanetse go rulaganyetsa dilo kwa pele ba bo ba dire ka natla. Seno se ama sekolo, tiro, le dilo tsa semoya. Fela jaaka tshoswane e bona molemo mo go direng ka natla, ka jalo Modimo le one o batla gore batho ba ‘je monate wa letsapa la bone.’ (Moreri 3:13, 22; 5:18) Fela jaaka ditshoswane tse dintsi tse di dirang ka thata, Bakeresete ba boammaaruri ba wetsa tiro ya bone ya letsatsi sentle. ‘Se seatla sa bone se se bonang ba se dira ka nonofo yotlhe ya bone,’ eseng ka gonne mohiri wa bone a ba lebile, mme ka gonne ba ikanyega ebile ba eletsa go nna badiri ba ba tlhaga le ba ba dirang tiro e e duleng diatla.—Moreri 9:10; bapisa Diane 6:9-11; bona gape Tito 2:9, 10.
Eleruri re tla itumela fa re ka “ea kwa choshwaneñ” re bo re dirisa se re se ithutileng mo go yone. Ebile re tla itumela thata fa re ka dira thato ya ga Jehofa Modimo ka natla jaaka Bibela e re e senolela.