Go Batla Dipolelelopele Tse Di Ka Ikanngwang
MOTHO yo o neng a ka bonela dilo pele malatsi a le mararo pele ga di ka diragala o ne a ka huma ka lobaka lwa dingwaga tse di sekete.” Go rialo seane sa Setšhaena.
Batho gone ba rata thata go itse gore isagwe e ba tsholetse eng, mme e bile ba le bantsi ba ka se ipone tsapa go duela madi a mantsi go bona tshedimosetso epe fela ya mofuta oo e e ikanyegang. Ba batla dipolelelopele tse di ka ikanngwang. Re ka bona kafa go tletseng dipolelelopele tsa maemo a bosa le ikonomi ka gone gore, re kgatlhegela thata go itse ka ga ditiragalo tse di larileng fa pele ga rona. Mo godimo ga moo, kitso e e ka ikanngwang e e malebana le isagwe e ne e ka dira gore re kgone go baakanya le go rulaganya matshelo a rona.
Ba le bantsi ka ntlha ya go eletsa go itse ka se isagwe e se ba tsholetseng ba ikgolaganya le batho ba ba bolelelang dilo pele, batho ba ba etelelang ba bangwe pele mo go tsa sedumedi, balepadinaledi, le dingaka tsa bola. Mabenkele a dibuka le diraka tsa dimakasine di tletse ka mekgobekgobe ya mekwalo ya bogologolo le ya segompieno ya batho ba ba ipolelang fa ba kgona go bolelela isagwe pele. Lefa go le jalo dipolelelopele tseno di tlogela batho ba na le dipelaelo. Go bolelwa fa ramelao wa Moroma e leng Cato a kile a bolela jaana: ‘Ke gakgamadiwa ke go bo motho yo o bolelelang isagwe pele a sa swe ka ditshego nako le nako fa a bona yo mongwe yo le ene a bolelelang isagwe pele.’
Ke boammaaruri gore go na le dipolelelopele tsa mefutafuta. Ka 1972 setlhopha sa barutegi le borrakgwebo ba merafe e e farologaneng se se bidiwang Club of Rome se ne sa gatisa patlisiso nngwe e e neng e bolelela pele gore ka bonako fela lefatshe le ne le tla felelwa ke ditswammung tse di ka se ka keng tsa boa tsa nna gone gape. Gore e ne e tla re ka 1981 le bo le sa tlhole le na le gauta, le se na mekuri ka 1985, le se na sinki ka 1990, le se na pereteroliamo ka 1992, jalo le jalo. Gone jaanong re a itse gore dipolelelopele tseo ga di a ka tsa nna boammaruri.
Dipolelelopele di le dintsi di ile tsa ikaega thata ka dilo tse di amang bodumedi. Ka sekai: Mobishopo wa kwa Saxony e bong Wulfstan o ne a dumela gore tiragalo e mo go yone Denmark e ileng ya tlhasela Engelane mo dingwageng tsa pele tsa lekgolo la bo11 la dingwaga e ne e le sesupo sa gore bokhutlo jwa lefatshe bo ne bo le gaufi. Ka 1525, Thomas Münzer o ne a etelela pele badiri ba mo masimong ba Majeremane mo go tsuologeng e le ka ntlha ya gore a ile a bona mo ponatshegelong baengele ba lootsa disekele tsa bone go di dirisa mo go se a neng a akanya gore e tla nna thobo e kgolo. Go mo pepeneneng gore dipolelelopele tseo di ile tsa itaya sefololetse.
Jaaka fa o ka tswa o itse, Bibela e na le dipolelelopele. Mo godimo ga moo, bakwadi ba Bibela ba bolela fa ba tlhotlheleditswe ke Modimo. Moaposetoloi Petere wa Mokeresete o ne a re: “Ga go na polèlèlō pele epè ea dikwalō e e iphuthololèlwañ ke motho a le moñwe hèla. Gonne ga go polèlèlō pele epè e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ, ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpo.”—2 Petere 1:20, 21.
Gareng ga tse dingwe, Bibela e ile ya bolelela pele dilo tse di farologaneng tse di neng di tla tshwaya losika loo lo neng lo tla bona go nna gone ga ga Jesu Keresete a le mo pusong ya gagwe mo Bogosing jwa selegodimo. Selo se segolo se se neng se tla tshwaya se Bibela e se tlhalosang e le “[metlha] ea bohèlō” e ne e tla nna dintwa ka selekanyo se di iseng di nne ka sone, leuba, dithoromo tsa mafatshe, le go wela tlase ga boleng jwa maitsholo a batho. (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-14, 34) Go ya ka Bibela, go tlosiwa ga tsamaiso ya gone jaanong jaana ya dilo go ne go tla dira gore setho se iponele boitumelo mo lefatsheng le lesha le le nang le masego a a sa feleng.—2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4.
O leba jang dipolelelopele tse di ntseng jalo tsa Bibela? A le tsone fela jaaka dipolelelopele tse dingwe tse dintsi ke dilo fela tse go kabakangwang ka tsone? Re ka tlhatlhoba go ikanyega ga boperofeti jo bo iseng bo diragadiwe jwa Bibela ka go sekaseka gore a dipolelelopele tsa Bibela malebana le ditiragalo tse di fetileng di ile tsa ikanyega. Mo setlhogong se se latelang seno, re tla sekaseka dingwe tsa tsone.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Courtesy National Weather Service