LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/1 ts. 32
  • O Ka Duelela Seno Bokae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ka Duelela Seno Bokae?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/1 ts. 32

O Ka Duelela Seno Bokae?

A GO na le sepe fela se se tlhwatlhwakgolo seo o itseng ka sone seo o ka ntshang sengwe le sengwe se o nang naso setlhabelo gore o tle o se bone? Jesu o ile a dira jalo mme o ne a bua le balatedi ba gagwe ka gone.

O ne a bolela jaana: “Bogosi yoa legodimo bo chwana le moreki eo o batlañ diperela tse dintlè: Me ea re a sena go bōna ñwe e e tlhwatlhwa e kgolo, a ea a bapatsa cotlhe tse o nañ nacō a e rèka.”—Mathaio 13:45, 46.

Moreki yo o ne a iketleeditse go kgaogana le sengwe le sengwe seo a neng a na naso gore a bone “perela” eleng Bogosi jwa Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne ga go na sepe mo lefatsheng leno seo se ka bapisiwang le jone. Bogosi jwa Modimo bo tla rarabolola mathata a a tshwanang le ntwa, tlala, bokebekwa, le kgatelelo tseo batho ba sa kgoneng go di rarabolola. (Pesalema 72:4-8, 13, 14) Mo Bogosing joo, le eleng boleo, bolwetsi le loso ga di kitla di tlhola di nna teng. (Tshenolō 21:4, 5) Ga go gakgamatse go bo kopo ya bobedi mo Thapelong ya Morena (“Rraetsho”) e le gore “Bogosi yoa gago a bo tlè”!—Mathaio 6:9, 10.

O ka duela bokae go amogela masego a Bogosi? Ebile tota, masego ano ke a mahala. Mme lefa go ntse jalo gore o tle o a itumelele, o tshwanetse gore o itse gore Bogosi ke eng, o dumele gore ke jwa mmatota, mme o dire gore e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa gago. A o ka kgona go dira seo? Go na le tshedimosetso e e mo Bibeleng e e ka go thusang. Ke eng fa o sa letle Basupi ba ga Jehofa gore ba go thuse go ithuta ka Bogosi jwa Modimo le go bona ka moo bo ka go sologelang molemo ka teng le eleng gore jaanong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela