Tiragalo E E Botlhokwa Go Di Gaisa Tsotlhe mo Hisitoring
Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Tiragalo eo e ne e le loso lwa ga Jesu Keresete.
E ne e tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo ebile e supa gore motho a ka boloka bothokgami jo bo feletseng go Modimo. E ne ya dira gore batho ba nne le tebelelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng. Jesu ka boene o ne a simolodisa segopotso sa loso lwa gagwe mo bosigong jwa pele a swa.
E ne e le mokete o monyenyane fela. Mo go one, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” (Luke 22:19, 20) A o tla gakologelwa seo? Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa gore o kopanele le bone fa ba le mo moketeng wa tiragalo eno e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo hisitoring. Monongwaga e tla bo e le Labobedi, April 6, letsatsi le sena go phirima.
Tsweetswee botsa kwa Holong ya Bogosi e e fa gaufi le wena kaga nako e e tlhomameng le lefelo. Ga go ketla go tsewa koleke epe, mme baeng ba lalediwa gore ba reetse puo e e layang le go lebelela seo se tla bong se dirwa.