Kolobetsa! Kolobetsa! Kolobetsa!—Mme Ka Ntlha Yang?
“MO LOBAKENG lwa dikgwedi di sekae fela ke ne ke setse ke kolobeditse banna, basadi le bana ba feta dikete tse some.” Go ne ga kwala jalo morongwa wa Mojesuite eleng Francis Xavier malebana le tiro ya gagwe kwa motseng wa Travancore, kwa India. “Ke ne ke tsamaya motse le motsana ke ba dira Bakeresete. Mme ebile gongwe le gongwe ko ke neng ke feta gone ke ne ke ba tlogelela sekaelo sa dithapelo tsa rona le melawana ka puo e e buiwang koo.”
Ka go bo a ne a kgatlhilwe thata ke makwalo a ga Francis Xavier, Kgosi John wa Portugal o ne a ntsha ditaelo tsa gore a balelwe kwa godimo mo go lengwe le lengwe la mafelo a go rerela motseng wa gagwe otlhe. Go ne ga ntshiwa tetla ya gore lekwalo le le sa tswang go nopolwa fano la January 1545 le gatisiwe. Ditlamorago tsa seo e ile ya nna dife? “Go ise go e kae baithuti ba le bantsi kwa Yuropa, ‘ba ne ba wa ka mangole le go phanyega ka selelo sa kutlobotlhoko,’ ba rata thata go ya kwa India go ya go sokolola baheitane koo,” go kwala jalo Manfred Barthel mo bukeng ya gagwe e go tweng The Jesuits—History & Legend of the Society of Jesus. O ne a oketsa ka go re: “Mogopolo wa gore go ka tsaya batho ba le mmalwa ba ba kgatshang metsi a a boitshepo le kgetsanyana ya dipampitshana di sekae fela go fetola batho ba motse otlhe ga o bonale o kile wa tla mo bathong ba le bantsi mo nakong eo.”
Mme tota gone ke eng seo se ileng sa fitlhelelwa ka tshokololo eno ya batho ba bantsintsi? Mojesuite Nicolas Lancilloto o ne a begela Roma jaana a bua boammaaruri: “Bontsi jwa bao ba kolobeditsweng ba dira jalo ka maikaelelo mangwe a a bofitlha. Makgoba a Maarabea le a Mahindu a dira jalo ka tsholofelo ya gore a tla gololesega kana gore a tla sirelediwa mo go mong wa one yo o gatelelang kana fela gore a tle a fiwe seaparo se sesha kgotsa serwalo sa bodumedi. Ba le bantsi ba dira jalo gore ba tle ba tile go otlhaiwa. . . . Bape fela ba ba tlhotlhelediwang ke tumelo ya bone go batla poloko mo dithutong tsa rona ba tsewa jaaka ditsenwa. Bontsi jwa bone bo fetoga batenegi le go boela kwa ditlwaelong tsa bone tsa pele tsa seheitane go ise go ye kae morago ga fa ba sena go kolobediwa.”
Bariboludi ba mafatshe a Yuropa ba nako eo le bone ba ne ba na le keletso eno ya go sokolola le go kolobetsa baheitane. Go bolelwa gore Christopher Columbus o ne a kolobetsa “Maindia” a ntlhantlha fela ao a neng a rakana nao kwa Caribbean. The Oxford Illustrated History of Christianity ya re, “Molawanakaelo wa semmuso wa Puso ya Segosi ya Spain o ne o baya go sokololwa ga baagi ba selegae ba koo go nna sone selo sa ntlhantlha mo maikaelelong a yone. Fa lekgolo la lesome le borataro la dingwaga le fela, Maindia a le 7 000 000 a pusokgolo ya Spain, gone a ne a setse a le Bakeresete fela ka leina. Koo re nang le dipalopalo tsa ba ba ileng ba sokololwa gone (Pedro de Gante, wa losika lwa ga Mmusimogolo Charles V, yo o ileng a pata barongwa o ile a bolela fa a ile a kolobetsa batho ba le 14 000 mo letsatsing le le lengwe fela, a thusiwa ke mothusi a le mongwe fela), go a lemotshega gore ga ba ka ba ba ruta ka botlalo thuto epe ya motheo.” Gangwe le gape go sokolola moo mo e neng e se gone sentle go ne go patiwa ke go kgokgontshiwa, go tshwarwa makgwakgwa le go gatelelwa ga batho ba metse eo.
Go gatelela botlhokwa jwa go kolobetsa go ne ga tlhotlheletsa baribulodi ba mafatshe le barongwa fela thata. Ka 1439, Mopapa Eugenius IV o ne a ntsha taelo kwa Council of Florence e e neng e re: “Kolobetso e e Boitshepo e tsaya maemo a ntlha gareng ga ditoro tsotlhe tsa tumelo, ka jaana e le yone selotlolo sa botshelo jwa semoya; gonne ka yone re dirwa batho ba ga Keresete le go lomagangwa le Kereke. Ebile gape, ereka jaana loso lo fetetse mo bathong botlhe ka motho wa ntlha, fa re sa tsalwe sesha ka metsi le Moya o o Boitshepo, re ka se tsene mo bogosing jwa Legodimo.”
Lefa go le jalo, go ne ga tsoga kgang malebana le gore ke kolobetso ya ga mang e e neng e siame. “Ka ntlha ya go bo kolobetso e ne e le selo sa botlhokwa se se go kgontshang go nna leloko la lelapa la kereke, e ne ka bonako fela ya bolelwa e le selo sa maemo a a kgethegileng ke dikereke di le mmalwa tse di gaisanang tseo nngwe le nngwe ya tsone e neng e ipitsa gore ke ya orthodox mme e latofatsa tse dingwe ka gore di letlelela dilo tse di thulanang le molao wa kereke le gore di kgaoganya batho. Go ne ga patelesega gore ditlhopha tse di farologaneng di dire diphetogo mo ditlwaelong tsa kolobetso,” go akgela jalo The Encyclopedia of Religion.
Lefa go le jalo, tlwaelo eno ya go kolobetsa, e sale e nnile teng pele ga tumelo ya Sekeresete. E ne e le teng kwa Babelona le kwa Egepeto wa bogologolo, koo metsi a a tsididi a noka ya Nile go neng go akangwa fa a nonotsha le go neela motho bosasweng. Bagerika le bone ba ne ba dumela gore kolobetso e ka dira gore motho a nne le botshelo jo bosha kana gore e ka dira gore motho yo o kolobeditsweng a nne le bosasweng. Setlhopha sa bodumedi sa Sejuda sa Qumran se ne se kolobetsa ba ba neng ba simolola go nna maloko a sone. Ba ne ba gatelela gore Baditšhaba ba ba neng ba sokologela mo Sejudeng ba rupisiwe mme e bo e re malatsi a le supa a a latelang ba kolobediwe ka go nwediwa mo metsing ba lebilwe ke ba bangwe.
Go mo pepeneneng gore go kgabaganya dingwaga batho ba ile ba tseela kolobetso kwa godimo thata. Mme go tweng ka gompieno? A e botlhokwa le mo metlheng ya segompieno? Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang? Ebile tota, a o tshwanetse go kolobediwa?