Yo O Tsogang Pele
MO DITLHARENG tsa maungo tse di mo tikologong ya Mediterranean, setlhare sa thamane ke sone se se gakgamatsang go di feta tsotlhe. Go ya kwa bofelong jwa January kana jwa February—pele ga ditlhare tsotlhe—se kubuga mo borokong jo se ne se le mo go jone mariga. A go kubuga ruri! Setlhare sotlhe se apesitswe ka dithunya tse di pinki kana tse di tshweu, tse di tshweu di tshwana le moriri o mosweu wa motho yo o tsofetseng.—Bapisa Moreri 12:5.
Bahebera ba bogologolo ba ne ba bitsa setlhare sa thamane ba re ke “yo o tsogang” fa ba bua ka go thunya ga sone go sa le gale. Jehofa o ne a dirisa nonofo eno go tshwantsha molaetsa o o botlhokwa. Jeremia o ne a bontshiwa thupana e e thunyang ya setlhare sa thamane fa a ne a simolola tirelo ya gagwe. E ne e kaya eng? Jehofa o ne a tlhalosa jaana: “Gonne ke dibetse lehoko ya me ka tlhodumèlō go tla ke le dihatsa.”—Yeremia 1:12.
Fela jaaka fa setlhare sa thamane se ‘tsoga’ pele, Jehofa le ene ka tsela ya tshwantshetso o ntse a “phakèla” a roma baperofeti ba gagwe gore ba tlhagise batho kaga seo se tla ba diragalelang fa ba sa mo utlwe. (Yeremia 7:25) Mme o ne a se kitla a ikhutsa—o ne a tla nna ‘a ntse a tsogile’—go fitlha lefoko la gagwe la boperofeti le diragadiwa. Go ile ga diragala fela jalo ka 607 B.C.E., katlholo ya ga Jehofa e ne ya wela morafe wa batenegi wa Bajuda ka nako e e tshwanetseng.
Lefoko la Modimo le bolelela pele gore tsamaiso e re tshelang mo go yone e tla welwa ke katlholo e e tshwanang. (Pesalema 37:9, 10; 2 Petere 3:10-13) Fa a bua ka katlholo e e ntseng jalo, moperofeti Habakuke o re tlhomamisetsa jaana: “Gonne pōnatshègèlō e sa nntse e na le lobaka lo lo laocweñ . . . Lo e letè; gonne rure e tla tla, ga e ketla e dièga.” (Habakuke 2:3) Dithunya tse dintle tsa thamane di re gakolola gore Jehofa o tla nna a tsogile malebana le go diragatsa lefoko la gagwe.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.