LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 2/15 ts. 7
  • Itumele mo Lefatsheng Le Le Phepa Le Le Tlang!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itumele mo Lefatsheng Le Le Phepa Le Le Tlang!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Paradaise Kana Thothobolo ya Matlakala—O Ka Tlhopha Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Tlosa Kgotlelo Mo Pelong le mo Tlhaloganyong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Jehofa o Rata Batho ba ba Phepa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Bophepa—Bo Kaya Eng Tota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 2/15 ts. 7

Itumele mo Lefatsheng Le Le Phepa Le Le Tlang!

ABO re ka itumela jang ne go bo Jehofa, Modimo wa thulaganyo le bophepa, a tla diragatsa maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong a go dira lefatshe go nna kgolokwe ya paradaise! (Isaia 11:6-9) O re solofetsa jaana: “Lehoko ya me . . . ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ.” ‘Go retetse mo Modimong go aka,’ ka jalo mafoko ano ga se a lefela fela.—Isaia 55:11; Bahebera 6:18.

Re ka wela makgwafo go bo Jehofa ka lorato o tla tsaya kgato pele batho ba kgotlela le go senya tlholego gore e seka ya tlhola e nna le mosola!—Tshenolō 11:18.

Jehofa o tla tlosa batho ba ba kgotlelang ba ba sa laolesegeng, ba ba sa batleng go sokologa le bao ba itlhokomolosang ka boomo melaometheo ya gagwe ya thulaganyo le bophepa. Ga go na ope yo o tla letlelelwang go senya mo Paradaiseng e e tla bong e buseditswe.—Diane 2:20-22.

Ka nako ya puso ya Bogosi jwa Modimo, kafa tlase ga kaelo ya ga Keresete Jesu, batho ba tla rutiwa gore ba ka fedisa jang masalela a dilo tse di bakang kgotlelo ya dilo. Ka nako eo—eseng gone jaanong—ke gone go tla bong go tlhokega gore batlhanka botlhe ba Modimo ba nne le seabe ka matlhagatlhaga le gore motho ka boene mmogo le ba bangwe ba tseye dikgato tse di tla thusang mo go phepafadiweng ga kgolokwe go go tla bong go ise go ke go dirwe pele.—Bapisa Esekiele 39:8-16.

Batho bao ba tla falolang fa tsamaiso ya dilo e e bosula ya gone jaanong e fedisiwa ba tla tshegetsa thulaganyo eno ya go phepafatsa dilo ka go ineela le ka matlhagatlhaga ka tsela e e tshwanang fela jaaka ba dira mo tirong ya go phepafatsa ya semoya ya gompieno.—Pesalema 110:3.

Tota lefatshe le le phepa le tlile go tla, mme pele ga moo go tshwanetse ga dirwa tiro ya go phepafatsa e kgolo go di feta tsotlhe, e e tla kgonegang ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo. Dilo tsotlhe tse di bakang kgotlelo di tla bo di tlositswe. Ga go na gope kwa re tla tlholang re bona go kwadilwe mabota teng ka pente. Ga go ketla go tlhola go nna le dibotlolo tse di latlhilweng, dithini, dikgetsana tsa polasitiki, ditšhapisi, le dipampiri tsa dimonamone, makwalodikgang, le dimakasine tse di tlatsang leswe losi lwa lewatle kana lefelo la paradaise.

Itumele mo lefatsheng le le phepa le le tlang!

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A o tla tsaya karolo mo go phepafadiweng ga kgolokwe go go tla tlogang go diragala?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela