LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 2/1 ts. 30
  • Motsoko le Baruti

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motsoko le Baruti
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Tota Ga go Re Sepe mo Modimong Gore ke a Goga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A Ke Boitsholo jwa Go Goga?
    Tsogang!—1991
  • Babueledi ba Motsoko ba Ntsha Dibaluni Tsa Bone Tsa Moya o o Mogote
    Tsogang!—1995
  • A go Goga go Phoso?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 2/1 ts. 30

Motsoko le Baruti

MO E ka nnang go feta dingwaga tse 115 tse di fetileng, ngaka ya tsa kalafi eleng John Cowan e ile ya kwala buka e e nang le setlhogo se se reng The Use of Tobacco vs. Purity, Chastity and Sound Health. Ka ntlha ya seo se ileng sa ithutiwa mo dingwageng tsa bosheng jaana malebana le matswela a a kotsi ao motsoko o nang le one, dilo tseo a ileng a di lemoga malebana le go goga motsoko ga baruti di ne di kgona go thusa motho go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng ebile di ka thusa motho mongwe le mongwe yo o batlang go direla Modimo gompieno. Mo kgaolong 4, e e buang ka ditlamorago tseo motsoko o nang le tsone mo maitsholong, Dr. Cowan o ile a akgela jaana:

“Fa e le gore go goga motsoko ga go a siamela mmele—jaaka re ile ra lemotshiwa ka phepafalo—eleruri o tshwanetse wa bo o sa siamela le one maitsholo; ka gonne ke go ya ka molao wa mmele gore ‘sengwe le sengwe seo se senyang kana se tshwenyang mmele, ka gone se senya thulaganyo ya methapo, mme ka ntlha ya go senya thulaganyo ya methapo se senya le boboko, mme ka gone se senya tlhaloganyo.’ Tlhaloganyo ya motho—dilo tseo a di akanyang, dilo tseo a di buang, tseo a di dirang, di tlhotlhelediwa ke tsela eo a dirisang kana a gobololang mmele wa gagwe wa tlholego ka gone. Motsoko, one ka boone le dilo tse dingwe tse di tsamaelanang le one, o a leswafatsa, ebile—re sa bue sepe ka tsela eo o gobatsang ka yone—ke jang maikutlo a a phepa, a a itshekileng, le a a siameng a boitsholo mmogo le ditiro tse di ntseng jalo di ka nnang gone kana di ka golang mo tlhaloganyong. Fa motho a akanya gore—fa e le gore selo sa go nna jalo ke se se ka akanngwang—gore Keresete ka nako ya fa a ne a ntse a tshela botshelo jwa Gagwe jwa go tlhoma sekao mo lefatsheng—a ruta le go rera ka gore batho ba nne boitsheko, ba sena selabe, ba nne le lorato le go direla ba bangwe molemo—o ne a tla a goga, a goga seneifi le go tšhotla motsoko. A seno ka bosone ga se utlwale e le selo se se itshekologileng? Mme go ntse go le jalo, baruti—balatedi ba bone, bareri le babueledi ba melao le dithuto tsa motheo tsa Gagwe—ba leswefatsa mebele ya bone le go kgotlela meya ya bone ka matlhatsana a a leswe a a botlhole. A batho ba go nna jalo, kana balatedi ba bone, ba ka tshela matshelo a a tshwanang le jwa ga Keresete—eleng jwa maemo a a kwa godimo, le jwa maitsholo a a siameng? Ga ke akanye jalo.

“A o ka akanya fela, fa e le gore o ka kgona, ka motho yo o jang bobe, a fetogile lemphorwana la beine, kana a goga motsoko, o mo amanya le go nna le pelo e e itshekileng? Go nyalanya dilo tseno tse pedi go bonala e se ga tlholego, ga di tsamaisane ebile go makgapha. Fela jaaka fa dikeletso tsa mmele le methapo ya kutlo e leswefetse, go ntse jalo le ka motho wa kafa teng, boitsholo jwa motho, le ene o a leswefala. Moya o o phepa ga o kake ebile ga o kitla o aga mo bodulong jo bo leswe. Go na le go nyalana go go rileng ga tlholego gareng ga dilo tsa nama le tsa semoya, mo e leng gore dinonofo tsa se sengwe di tle di supe ka tsela eo se sengwe se leng ka yone. Moporofesara wa bodumedi ebile gape e le lekgoba la motsoko . . . A ka nna a dumela ka boikanyegi le ka bopeloephepa fela gore go goga motsoko ke tlwaelo e e diphatsa, le e e sa siamang go ya ka maitsholo; go ntse go le jalo a ka nna a fitlhela a na le tlhotlheletso e e kwa teng, molao o sele mo ditokololong tsa gagwe, o o itlhagelang fela, o mo tlhotlheletsa ka tsela e e maatla go tswelela pele ka tlwaelo eno, mme ebile molao ono o sele o ka nna wa nna maatla le eleng go feta tsela ya gagwe ya tlholego ya go akanya mmogo le segakolodi. A go goga motsoko ga se go gataka ka papamalo mongwe wa melao ya Modimo eo e jetsweng mo ditokololong tsa rona? A go gataka ka maoto mongwe fela wa melao ya Modimo ga se tlolo ebile a ga se boleo? Mme ebile fa motho ka tlwaelo a tshela ka go roba melao ya Modimo, a seno ga se kitla se dira gore go nne bonolo fela ebile go itlele fela gore a robe melao e mengwe? Mme kwa bofelong, ke jang motho ope fela o ka lejwang jaaka morutisi wa maitsholo a mantle, mme ene ka boene ka tsela eo a tshelang ka yone, a rotloeletsang bankaene go tswelela pele ba tshela botshelo jwa go roba melao e e leng malebana le botho jwa bone?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela