Go Bonela Isagwe ya Ikonomi ya Lefatshe Pele
GO SA tlhomamang go go ileng ga nna gone mo mebarakeng ya ikonomi le go sa ikanye basekaseki bao ba ileng ba palelwa go bonela pele go wa ga mebaraka ya ditoko ka 1987 go ile ga dira gore borakgwebo ba bantsi ba lebe kwa tepodinaleding gore e nne yone e e ba thusang go bonela pele isagwe ya bone ya tsa madi, go ne ga bolela jalo makasine wa London wa Accountancy Age. Makasine ono o bolela gore “balepadinaledi bao ba itebagantseng le dikgang tsa madi ba nna le lenaane le le kgatlhang thata la batho ba ba simololang go rata tiro eno ya bone ya go bonela pele se se tla diragalang mo mebarakeng.”
Mongwe wa bone o tshwantsha modikologo o a ileng a o lemoga mo dingwageng tse 30 tsa tshedimosetso ya letsatsi le letsatsi ya madi le go dikologa ga dipolanete. O kgona go senola ponelopele ya gagwe a dirisa seno. Lefa gone batho bangwe bao ba tlang go kopa thuso mo go ene pele ba ne ba dikadika go dirisa kgakololo ya gagwe pele ga 1987, gone jaanong o fitlhela gore tota le e leng borakgwebo ba ba neng ba le ditlhogo di thata ba iketleeditse go reetsa.
Molepadinaledi yo mongwe wa tsa madi o dira ditšhate tseo di thailweng mo malatsing a matsalo go mo thusa go batlisisa kaga botho jwa motho yono yo o tlileng go kopa thuso mo go ene gape le go batla le “matshwao a gore kgwebo ya motho yono e tla gatela pele leng.” Go ntse go le jalo yo mongwe ene o dumela gore go sa tlhomamang ga maemo a mebaraka ya selefera go amana le modikologo wa ngwedi. Lefa go le jalo fa a bapisiwa le basekaseki ba tsa ikonomi ba ba tlwaelegileng, molepadinaledi yono o lemoga gore batho bano ba ba tlang go kopa thuso mo go ene “ga baa lebelela ka gope gore ponelopele eno ya gagwe e ka nna phoso.”
Lefa go le jalo, go na le ponelopele nngwe ya tsa madi eo eleruri e tla tlogang e diragala, mme ga e amane ka gope le tepodinaledi. Ponelopele eno e begiwa mo Bibeleng ebile e tlhotlheleditswe ke Jehofa, Modimo o o “sa lebelelang ka gope gore ponelopele eo ya gagwe e ka nna phoso.” Ke Modimo “o o sa kakeñ oa aka.” (Tito 1:2) O ile a dira gore moperofeti wa gagwe Esekiele a bolele jaana: “Ba tla latlhèla selefera sa bōnè mo mebileñ, gouda ea bōnè e tla nna yaka selō se se itshekologileñ; selefera sa bōnè le gouda ea bōnè ga di ketla di lekana go ba golola mo letsatsiñ yoa kgalehō ea ga Yehofa.”—Esekiele 7:19.
Selo seno se tla diragala leng? Se tla diragala ka nako ya “sepitla se segolo” seo se boleletsweng pele ke Jesu Keresete, seo Esekiele a ileng a se bitsa “[letsatsi la] kgalehō ea ga Yehofa.” (Mathaio 24:21; Esekiele 7:19) Kgatelopele mo go tsa madi ga e ne e sireletsa ka gope, le mororo balepadinaledi ba ka bonela eng pele. Ke fela go ikanya mo go Jehofa Modimo, Mogolodi Yo Mogolo, goo go ka sireletsang motho ka nako ya phetogo e kgolo eo mo go yone tsietso yotlhe—ya tsa sepolotiki, ya bodumedi, le ya tsa kgwebo—e tla bong e tlositswe.—Diane 3:5, 6; Sefania 2:3; 2 Petere 2:9.