A O A Gakologelwa?
A o ipeletse go bala ditokololo tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo? Fa go le jalo, kwantle ga pelaelo o tla go fitlhela go kgatlhisa go gakologelwa dintlha tse di latelang:
▫ Ke bosupi bofe jo bo tlhatswang pelo jo bo neng jwa neelwa ke mekgwa e e farologaneng e moya o o boitshepo o neng o dira ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
Mekgwa eno e neela bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Modimo o ne a sa tlhole a dirisa phuthego ya Iseraele e e neng e na le dingwaga di le 1 500 jaaka batho ba gagwe ba ba kgethegileng, mme jaanong o ne a amogela phuthego e ntšha ya Bokeresete, e e neng ya tlhongwa ke Morwawe yo o tsetsweng a le esi. (Bapisa Bahebera 2:2-4.)—8/15, tsebe 5.
▫ Ke eng se se dirileng gore Basupi ba ga Jehofa ba bone koketsego e e gakgamatsang eo ba ileng ba nna le yone?
Seno thatathata ke ka ntlha ya go bo ba ile ba segofadiwa ke Modimo. Ke tiro ya Modimo. Seo Basupi ba ga Jehofa ba se rutang mo tirong ya bone ya boefangele se theilwe mo Bibeleng. Se sengwe gape se se ba thusitseng gore ba atlege ke go dumela ka botlalo mo go Keresete Jesu jaaka yo o tlhomilweng Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete.—9/1, tsebe 19.
▫ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a bontsha Dafide boutlwelobotlhoko malebana le boleo jo bogolo jo a bo dirileng le Bathesheba?
Thatathata e ne e le ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi eo Modimo a neng a e dirile le Dafide, mme gape e ne e le ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jwa ga Dafide ka boene le ka ntlha ya go ikwatlhaya ga mmatota ga gagwe. (1 Samuele 24:4-7; 2 Samuele 7:12; 12:13; Pesalema 51:1, 2, 17)—9/15, ditsebe 10, 11.
▫ Ke mefuta efe e meraro ya bosupi eo Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di e neelang go tshegetsa go nna Mesia ga ga Jesu? Tlhatlhamano ya losika lwa borremogoloagwe Jesu ke bosupi jwa ntlha. (Mathaio 1:1-16; Luke 3:23-38) Bosupi jo bongwe ke go diragadiwa ga boperofeti. Go na le boperofeti bo le bontsi fela thatathata, jaaka jo bo fitlhelwang mo go Daniele 9:25, jo bo bontshang fa Jesu e le Mesia. Mofuta wa boraro wa bosupi ke Modimo ka boone; o ne a bontsha seno ka makgetlo a le mararo ka lentswe la gagwe. (Mathaio 17:5; Luke 3:21, 22; Yohane 12:28)—10/1, ditsebe 10, 12.
▫ Jesu o ne a bolelang fa a ne a re, “yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo” jaaka go begilwe mo go Mathaio 24:37?
Noa o ne a aga araka le go tlhagisa baikepi ka masomesome a dingwaga pele ga Morwalela o fitlha o bo o nyeletsa tsamaiso e e boikepo ya lefatshe leo. Ka tsela e e tshwanang, go nna gone ga ga Keresete a sa bonale go tsaya lobaka lwa masome a sekae a dingwaga, ao ka one go neelwang bosupi lefatshe lotlhe pele le lone le felela ka gore le senngwe.—10/1, tsebe 16.
▫ Dingwe tsa dilo tse di tlhokafalang thata gore go nne le thuto ya legae ya Bibela e e molemo ke dife?
Nako ya thuto e tshwanetse go rekwa. Ga re a tshwanela go letlelela thelebishene go e tseela sebaka kana dikgoreletsi dingwe. Go tshwanetswe ga akanyediwa dilo tse di tlhokwang ke lelapa thatathata. Dirisa dipotso tsa go tlhatlhoba dipono go bona gore a bana ba gago ba tlhaloganya seo ba se ithutang. (Mathaio 17:25) Dira gore maemo a ritibale. Nna matlhagatlhaga, le go dira gore mongwe le mongwe a tseye karolo mo thutong.—10/15, tsebe 17.
▫ Bakeresete ba tshwanetse go tshwenyega go le kana kang ka dikarolwana tsa madi tseo di ka tswang di tsentswe mo dijong? Bakeresete ba tshwanetse go itlhokomela gore ba se tshwenyege ka ntlha ya diphopholetso fela kana magatwe, mme ebile motho o tshwanetse go nna tekatekano fa a tlhatlhoba mekwalo e e mo diphuthelwaneng kana go tlhaba bao ba rekisang nama ka dipotso. Lefa go ntse jalo, fa go itsege gore madi a dirisiwa thata mo lefelong la lona—e ka ne e le mo dijong kana mo go tsa kalafi—Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko go ikobela molao wa Modimo wa go ithiba mo mading. (Ditihō 15:28, 29)—10/15, ditsebe 30-1.
▫ Buka ya Diane e tlotlomatsa jang mekgwa e e tseneletseng ya semoya ya go ruta eo e neng e dirisiwa ke Baiseraele?
Buka ya Diane e bontsha gore boikaelelo jwa yone e ne e le go ruta “eo o sa tlhalehañ” dilo tse di kwa godimo jaaka botlhale, kwatlhao, tlhaloganyo, temogo, katlholo, tlhalemaleje, kitso, le go kgona go akanya—tsotlhe tseno di dirwa ka “go boiha Yehofa.” (Diane 1:1-7; 2:1-14)—11/1, tsebe 12.
▫ Ke maikutlo afe a a lekalekaneng ka thutego ao basha gompieno ba tshwanetseng go nna le one?
Bakeresete ba tshwanetse go leba thutego jaaka mokgwa o ba ka o dirisang go bona matswela a a eletsegang. Boikaelelo jwa bone mo malatsing ano a bofelo ke go direla Jehofa ka tsela e e mosola ka mo ba ka kgonang ka teng mo bodiheding jwa nako e e tletseng.—11/1, tsebe 18.
▫ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a batla gore morafe wa Baiseraele o duele karolo ya bolesome?
Sa ntlha, gore ba tle ba bontshe gore ba anaanela bomolemo jwa ga Jehofa. Sa bobedi, gore ba tle ba ntshe moneelo go tshegetsa Balefi, bao ba neng ba tla kgona go tlhoma mogopolo mo maikarabelong a bone, go akaretsa le go ruta ka Molao. (Bona 2 Ditihalō 17:7-9.)—12/1, tsebe 9.
▫ Karolo ya bolesome eo Bakeresete ba lalediwang go e lere ke efe? (Malaki 3:10)
Karolo ya bolesome e emela kabo ya rona eo re e lereng go Jehofa kana e re e dirisang mo tirelong ya gagwe. Seno ke sesupo sa gore re a mo rata le go lemoga gore re ba gagwe.—12/1, tsebe 15.