Ponalo ya Kafa Ntle E ka Tsietsa
“PONALO ya kafa ntle ga e kake ya ikanngwa,” go ne ga bolela jalo mokwadi wa diterama wa kwa Ireland ebong Richard Sheridan. Seno se boammaaruri ka ditlhare mmogo le ka batho.
Letsatsi lengwe kwa bokhutlong jwa March ka ngwaga wa 33 C.E., Jesu Keresete o ne a bona setlhare sa mofeige fa a ne a tsamaya le barutwa ga gagwe ba tswa kwa Bethania ba ya kwa Jerusalema. Setlhare seno se ne se na le matlhare a mantsi, mme lefa go ntse jalo fa o se atamela se ne sena maungo le eseng. Ka gone Jesu o ne a se raya a re: “Motho opè a se ka a tlhōla a ya louñō mo go wèna ka gopè.”—Mareko 11:12-14.
Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a hutsa setlhare seo ereka jaaka Mareko a tlhalosa “e ne e se e nne lobaka loa difeige”? (Mareko 11:13) Gone mme, gantsi fa setlhare sa mofeige se nna le matlhare se nna le difeige ka bonako. Go ne go sa tlwaelega gore setlhare sa mofeige se nne le matlhare ka nako eo. Mme lefa go ntse jalo, ereka se ne se na le matlhare Jesu o ne a nepile go lebelela go bona difeige mo go sone. (Bona setshwantsho se se fa godimo.) Ntlha ya gore setlhare seno se ne se na le matlhare fela e kaya gore se ne se se kitla se ungwa. Ponalo ya sone e ne e tsietsa. Ereka ditlhare tsa maungo di ne di ntshediwa lekgetho, setlhare se se sa ungweng se ne se senya madi mme se tlhoka go kgaolwa.
Jesu o ne a dirisa setlhare se se sa ungweng seo sa mofeige go tshwantsha thuto nngwe e e botlhokwa mabapi le tumelo. Mo letsatsing le le latelang, barutwa ba gagwe ba ne ba gakgametse go bona setlhare seo se setse se swabile. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Nnañ le tumèlō mo Modimoñ. . . . Dilō cotlhe tse lo di rapèlèlañ, lo di lōpa, lo dumèlè ha lo di amogetse, me lo tla di bōna.” (Mareko 11:22-24) Mo godimo ga go dira setshwantsho sa gore re tshwanetse go rapela re na le tumelo, setlhare se se swabileng sa mofeige se ne se supa sentle fela se se neng se tla diragalela morafe o o neng o sena tumelo oo.
Dikgwedinyana pele ga foo Jesu o ne a tshwantsha morafe wa Bajuda le setlhare sa mofeige se se neng se se kile sa ungwa ka dingwaga di le tharo mme se ne se tlile go kgaolwa gonne se ne se sa ungwe. (Luke 13:6-9) Fa a ne a hutsa setlhare seno sa mofeige malatsi a le manè fela pele a swa, Jesu o ne a bontsha kafa morafe wa Bajuda o neng o tlhokile go ungwa maungo a a tshwanelang boikwatlhao ka teng mme ka gone o tshwanelwa ke go senngwa. Le mororo, morafe oo—fela jaaka setlhare sa mofeige—o ne o lebega ekete o itekanetse, mme fa o o leba o le fa gaufi o ne o tla bona gore o ne o tlhoka tumelo mo go neng ga felela ka gore o gane Mesia.—Luke 3:8, 9.
Mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a tlhagisa kgatlhanong le ‘baperofeti ba maaka’ a bo a bolela jaana: “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè. A batho ba tla ba hule louñō loa mofine mo mañaneñ, kgotsa difeige mo masitlwaneñ? Hèla yalo, setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula. Setlhare se se molemō ga se kake sa uñwa louñō lo lo boshula, le gōna setlhare se se boshula ga se kake sa uñwa louñō lo lo molemō. Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ. Me ke gōna lo tla ba itse ka louñō loa bōnè.” (Mathaio 7:15-20) Mafoko ano a ga Jesu le kgang ya setlhare se se hutsitsweng sa mofeige a bontsha gore re tlhoka go itisa semoyeng, ka go bo go bonala kafa ntle jaaka badumedi le gone go ka nna ga tsietsa.