LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 10/15 ts. 32
  • Boperofeti Jo Bo Diragaditsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boperofeti Jo Bo Diragaditsweng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 10/15 ts. 32

Boperofeti Jo Bo Diragaditsweng

FA BARUTWA ba ga Keresete Jesu ba ne ba mmotsa gore a ba bolelele gore sesupo sa gore o tla bo a le teng jaaka kgosi ya Bogosi mme a sa bonale e tla nna sefe, Jesu o ne a bolelela pele gore ‘boikepo bo tla ntsifala.’ (Mathaio 24:3, 12) A boperofeti jono bo a diragadiwa mo motlheng ono wa rona?

Eleruri go ntse jalo! Buka ya The United Nations and Crime Prevention, e e phasaladitsweng ke Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ka October 1991, e bolela jaana: “Bokebekwa ke bothata jo bo masisi go gaisa mathata otlhe ao merafe ya lefatshe e nang nao. Dinaga tse dintsi di palelwa ke go laola bokebekwa jo bo dirwang mo teng ga dinaga tsa tsone ebile bokebekwa jo bo dirwang go kgabaganya dinaga bo oketsegile mo merafe e sa bo kgoneng. . . . Bokebekwa jo bo dirwang ke ditlhopha tsa dikebekwa bo godile ka selekanyo se se tshosang, mme go felela ka matswela a a masisi tota fa go akanngwa ka go gobala mo mmeleng ka ntlha ya thubakanyo ya jone, go nna ka letshogo le go tlola molao ga batlhankedi. Dirukhutlhi di ile tsa bolaya diketekete tse di masomesome tsa batho ba ba senang molato. Go thukhuthiwa ga batho dilo tsa bone fa go rekisiwa diokobatsi tse di tshwakgolang ke matlhotlhapelo a a aparetseng lefatshe lotlhe. Go senngwa ga tikologo go go sa letliweng ke molao go tshosa tota ebile go aname mo ebileng go lebiwa jaaka bokebekwa kgatlhanong le lefatshe ka bolone.”

Go tlhaselwa: Go ile ga oketsega go tloga go 150 mo bathong bangwe le bangwe ba le 100 000 ka 1970 go ya go ba ba ka nnang 400 mo go bangwe le bangwe ba le 100 000 ka 1990.

Go utswa: Go ile ga oketsega go tloga go 1 000 mo go bangwe le bangwe ba le 100 000 ka 1970 go ya go ba le 3 500 mo go bangwe le bangwe ba le 100 000 ka 1990.

Go bolawa ga batho ka maikaelelo: Mo dinageng tse di tlhabologileng, seno se ile sa oketsega go tloga go a le mongwe go ya go ba le 2,5 mo go bangwe le bangwe le 100 000 fa gare ga 1975 le 1985. Mo dinageng tse di tlhabologang seno se ile sa oketsega mo lobakeng lone loo go tloga go kafa tlase ga ba le 3 go ya go ba ba fetang 3,5.

Bokebekwa jo bo amanang le go dirisiwa ga diokobatsi: Buka nngwe e akgela jaana: “Ditlhopha tse dikgolo tse di rekisang diokobatsi di na le madi a mantsi le ditlhobolo tse dintsi go feta Dipuso tse dintsi tsa merafe e mennye, ebile go fitlha jaanong ba ile ba kgona go kgoreletsa maiteko a dinaga tse di tlhabologileng a go ba thibela le a go tlhoma melao kgatlhanong le bone.”

Selekanyo sa bokebekwa ka kakaretso: Go lebeletswe gore se tlile go menagana gabedi go tloga go 4 000 mo go bangwe le bangwe ba ba 100 000 ka 1985 go ya go 8 000 ka ngwaga wa 2000.

Go oketsega ga bokebekwa mo lefatsheng lotlhe ke karolo e le nngwe fela ya boperofeti jwa ga Jesu joo bo supang gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa lefatshe.’ (Mathaio 24:3) Jesu o ne a bolela jaana: “Hèla yalo le lona, ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.”—Luke 21:31.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela