Ba Ne Ba Tla Le Mororo Ba Ne Ba Kokonelwa Ebile Ba Le mo Kotsing
E NE e le ka January 2, 1992. Lefelo e ne e le Maxixe, mo Kgaolong ya Inhambane. Medumo ya bosigo ya Afrika kwa Mozambique e ne ya kgaupediwa ka bonako ke go bulelwa ga seromamowa. “Basupi ba ga Jehofa ba tshwere Kopano ya bone ya ‘Batho Ba Ba Ratang Kgololesego’ mo kgaolong ya rona,” moanamise o ne a itsise jalo. “Ba ikaeletse go ruta batho gore kgololesego ya boammaaruri e ka bonwa jang mo lefatsheng la gompieno. Botlhe ba lalediwa gore ba nne gone.”
Gone mo sekhutlong seo se se kwa kgakala sa Afrika, go ne go diragala sengwe se se se kitlang se lebalwa! E ne e le la ntlha kopano ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa e tshwarwa koo, mme go ne ga tla batho ba le 1 024. Dingwaga di sekae tse di fetileng, tiragalo e e ntseng jaana e ne e ka se ka ya direga phatlalatsa jaana mo Mozambique, ereka tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe ka nako eo. A o ka rata go utlwa kafa batho ba ileng ba itima dilo dingwe ka gone gore ba nne gone kwa kopanong eno?
Kgaolo ya Inhambane, jaaka dikarolo tse dingwe tse dintsi tsa Afrika, e ntle fela thata. Mekoro e e agilweng jaaka di-dhow e go tsamaiwang ka yone go ya go tshwara ditlhapi e e nang le diseile tse di khutlotharo e saila le losi lwa lewatle. Ditlhare tsa khokhonate ke ntlentsentletse. Mme lefa go ntse jalo go na le sengwe se se bosula seo se tshosetsang batho ba ba nnang kwa metseng ya selegae: ntwa ya maraganateng a bana ba mpa!
Ga go gakgamatse gore batho ba ba ithobaletseng mo ntlung e e agilweng ka matlhare a mopalema ba tsosiwe ka makuku ke modumo wa dibetsa tse dikgolo mo metseng e e fa gaufi di ntse di re boom-boom-boom jaaka ntwa e tswelela pele bosigo jotlhe. Gantsi baagi ba ba senang molato ke bone ba bogang. Ka dinako tse dingwe bana ba ka bonwa ba tlhotsatlhotsa ba sena maoto kana mabogo kana a robegile. Le bangwe ba Basupi ba ga Jehofa tota ba na le mabadi mo difatlhegong le mo mebeleng ya bone ka ntlha ya go bo ba ile ba tshwarwa setlhogo.
Le mororo maemo a ne a eme jaana batho botlhe bao ba neng ba tlile Kopanong ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” ba ne ba e itumelela fela thata. Malapa a le mantsi a a tswang kwa metseng ya selegae a ne a ikemisetsa go ya kopanong ntswa ba ne ba ka lalelwa mme ba tlhaselwa mo tseleng. Go ya koo le gone go ne go se monate, ereka dipalangwa tsa botlhe gantsi e le diteraka tse dikgolo tse di sa khurumediwang. Ka dinako tse dingwe batho ba kgona go pitlagana mo terakeng e le nngwe fela ba le 400! Diteraka tseno di le mmalwa di dira mekoloko eo e tsamayang e patilwe ke masole a tshotse ditlhobolo.
Nora le barwadie ba bararo, yo mongwe o na le ngwaga, yo mongwe tse tharo, yo mongwe tse thataro, ke lengwe la malapa ao a neng a tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go sepela ka mokgwa ono. O ne a ile a boloka madi dikgwedi di le dintsi pele ga foo gore a tle a kgone go tsaya loeto lono. Ga a ka a kgobiwa marapo ke gore go ne go sa rulaganngwa marobalo a nako ya fa a tla bo a le kwa kopanong. Nora le lelapa la gagwe, mmogo le ba bangwe ba le bantsi, ba ne ba apaya, ba ja, ba bo ba robala mo lebaleng gone kwa kopano e neng e tlile go tshwarelwa gone.
Lefa go ile ga nna mogote o o bogale wa boboatsatsi pula ya bo ya na matsorotsoro seno ga se a ka sa fokotsa tsela eo bakaulengwe ba neng ba itumeletse ka yone go tla moketeng wa semoya mmogo. Ba ne ba akanya gore go ne go se sepe se se botlhokwa mo go bone go feta gore ba bo ba le kwa kopanong. Batho ba le 17 ba ne ba tshwantshetsa boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing a a bothitho a Lewatle la India. Fa kolobetso e ntse e tsweletse, boidiidi jwa batho ba ba neng ba lebeletse ka boitumelo ba ne ba tlhotlheletsega gore ba opelele Jehofa dipako.
Setlhopha seno sa baobamedi ruri se ne se itemogetse gore go kaya eng go nna batho ba ba ratang kgololesego ya bomodimo. Hans, moemedi wa motsemogolo wa Maputo a ne a bolela jaana: “Re sa tswa go bona motlha o moša o simologa mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa mo karolong eno ya Afrika.”