LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 6/15 ts. 32
  • Ba ka Ithuta go Tswa mo Dinotsheng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ka Ithuta go Tswa mo Dinotsheng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 6/15 ts. 32

Ba ka Ithuta go Tswa mo Dinotsheng

“Mo dingwageng tsa bosheng, baenjenere le batlhami ba ile ba nna ba lemoga sengwe seo go bonalang gore dinotshe tsone ga di bolo go nna di se itse: fa o betla le eleng selo se sesesane thata o se dira matlhakore a le marataro o se bopa jaaka lomepe go se dira gore se nonofe tota go gaisa fa se bopegile ka tsela epe fela.”—The New York Times, October 6, 1991.

GA GO gakgamatse go bo batho ba ka solegelwa molemo fa ba ithuta ditshenekegi ka kelotlhoko. Monna wa bogologolo wa tumelo, Jobe, o kile a bolela jaana: “Me a u ko u botsè ditshidi yana, me di tla gu ruta; le dinōnyane tsa loapi, me di tla gu bolèlèla: . . . Ke ohe eo o sa itseñ ka dilō cotlhe tse, ha seatla sa ga Yehofa se dihile mo?” (Yobe 12:7-9) Ee, botlhale jwa Mmopi bo bonala mo dilong tse di ntseng jalo tse di tlwaelegileng jaaka diphatlhana tse di matlhakore marataro tse o ka di bonang mo lomepeng.

Le mororo mabotana a boka a diphatlhana tseno a le bokima jwa nngwetharong ya milimetara, a nonofile thata. Ebile tota, di kgona go tsenya sengwe se se di fetang ka bokete ka makgetlo a le 30.

Go nonofa gono go ka dirisiwa fa go dirwa dilo dingwe, jaaka fa o beela didirisiwa sengwe kwa tlase gore di se ka tsa senngwa ke go itaganwa. Di sireletsa gape le didirisiwa tsa ntwa tse di folosediwang fa fatshe ka dipharatšhutu. The New York Times e akgela jaana kaga seno: “Dilo tse di bokete jaaka dijipi di bofelelwa diboloko tse di bopegileng jaaka lomepe kafa tlase gore di se ka tsa itaagana thata fa di tlhongwa fa fatshe.”

Dilo tse di bopegileng jaana tse di dirwang ke motho di ka dirwa ka dilo tse dintsi. Go lebega pampiri e le yone e tlwaelegileng thata. Pampiri e e nang le ditlhale tsa nnaelone le resine e dirisiwa go dira selo se se bopegileng jaaka lomepe se se tsenngwang mo karolong e e kafa teng ya mmele wa difofane tse dikgolo. E kgona go nna thata mme e se bokete thata. Ka ntlha yang? Bontsi jwa diphatlha tse di fa gare ga maroba di tlala mowa, ka jalo ga go nne bokete. Mowa le one o kgona go amoganya dilo thata.

Notshenyana fela e e sa reng sepe ga e “itse” dilo tsotlhe tseno, gonne ga e na dikirii tsa boenjenere. Lefa go ntse jalo, e dira tiro ya yone letsatsi le letsatsi ka botlhale jwa yone jwa tlholego jo e bo filweng ke Mmopi, Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela