Ga O Kitla O Swabisiwa
GO NE ga tsaya banyalani bangwe ba kwa Philippines malatsi a le mabedi gore ba fitlhe koo. Ba ne ba tsamaya ka dinao sekgala sa dikilomitara di le 70, ba belege bana ba bannye ba le babedi go ralala dikgwa tse di tletseng manopi ba bo ba tshela dinoka tse di neng di penologa ka ntlha ya dipula tsa matlakadibe. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba ititeile sehuba gore e ne se kitla e ba fosa.
Basadi bangwe ba le babedi ba kwa Zaire ba ne ba tsamaya sekgala se se fetang dikilomitara di le 500 ka maoto, ba sepela malatsi a le 14 gore ba nne teng. E ntse e le gone kwa Zaire, monna mongwe wa dingwaga tse 70 o ne a fitlha koo a sena go tsamaya ka baesekele ya gagwe sekgala sa dikilomitara di le 260. Ga a ka a kgobiwa marapo ke sekgala se a neng a se tsamaya kana ke gore mosepele o ne o se monate. Selo sa botlhokwa e ne e le gore e se ka ya mo feta.
Batho bao botlhe ba ne ba ya kae? Kwa go nngwe ya dikokoano tse dikgolo tse di neng di rulagantswe ke Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tsa bone. Mme lefa mosepele o ne o le bokete go le kana kang, botlhe ba ne ba ikutlwa gore go ne go le mosola gore ba dire maiteko ao.
A o setse o rulagantse go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1992 ya “Batshodi ba Lesedi”? Gongwe ga go kitla go tlhokega gore o dire mo gontsi jaaka batho bano ba ba ikanyegang ba ile ba dira gore ba nne gone koo. Mme lefa go ntse jalo lefa go ka tlhokega gore o itime dilo dingwe, re go kgothaletsa gore o seka wa tlhoka go e ya.
Go baakanditswe thulaganyo e e molemolemo ebile e le e e mosola tota go ka dirisiwa. Fa e le gore o ipelela bokopano jwa Bokeresete ebile o kgatlhegela go ithuta gore o ka bona jang kagiso ya mmatota, gore go tla diragala eng mo isagweng, kana o kgatlhegela go ithuta kafa o ka dirang thato ya Modimo botoka ka gone, re ka go solofetsa gore ga o ketla o swabisiwa. Mosupi mongwe le mongwe fela yo o mo lefelong la lona o tla go bolelela gore kopano e e tla tshwarelwang gaufi le fa ga lona e tla tshwarelwa kae le gone leng.