Pego ya Baboledi ba Bogosi
Bana ba Sekolo ba kwa Nigeria ba Segofaditswe ka Ntlha ya Go Ikanyega ga Bone
MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwala jaana: “Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona.” (Baroma 12:18) Bana ba sekolo bao e leng Basupi ba ga Jehofa ba kwa Nigeria ba dirisa kgakololo eno, le eleng ka nako ya fa ba bogisiwa. Ka ntlha ya gone moo, Jehofa o a ba segofatsa.
◻ Morutabana mongwe o ne a ila Basupi ba ga Jehofa lekongkong. Letsatsi lengwe go lwe mo kobamelong ya mo mosong, o ne a bitsa Basupi botlhe gore ba tle kwa pele mme a ba laela gore ba opele pina ya setšhaba. Ba ne ba gana, ba tlhalosa gore ba ne ba batla go ineela ka botlalo mo Modimong. Morago ga moo morutabana yono o ne a ba tseela botlhe fela kwa ntle mme a ba laela gore ba sege bojang. Mo nakong eo, barutwana ba bangwe bone ba ne ba tswelela ka dithuto tsa bone tsa mo tlelaseng.
Mosupi mongwe yo o godileng o ne a tsaya boroutšhara ya Sekolo le Basupi ba ga Jehofa mme a e naya morutabana yono a mo tlhalosetsa ka boemo jwa Basupi ba ga Jehofa jwa go nna ba itlhaotse. Lefa go ntse jalo, morutabana yono o ne a gana go tlotla le mosupi yono ka kgang eno kana go amogela yone boroutšhara. Ebile tota, o ne ka bonako a gagamatsa kotlhao ya gagwe mo baneng bano.
Basupi ba babotlana bano ba ne ba tswelela pele go itshokela kotlhao eno ba bo ba nna ba tswelela pele ba sega bojang le eleng ka nako ya fa morutabana a ne a seyo. Letsatsi lengwe morutabana yono o ne a iphitlha mme a ba lebelela bone ba sa mmone jaaka fa ba ne ba ntse ba tsweletse pele ba bereka ebile ba ntse ba opela dipina tsa Bogosi. O ne a kgatlhegile fela thata moo e leng gore o ne a ba busetsa kwa tlelaseng, a gakgamaletse tsela eo ba neng ba itshwere ka yone. Seno se ne sa felela jang? Morutabana yono jaanong o ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa!
Ga go na pelaelo epe gore bana bano ba sekolo ba ne ba segofadiwa ka ntlha ya go ikanyega ga bone mo go Jehofa le melaometheo ya gagwe.—Diane 10:22.
◻ Ruth mmogo le ditsala tsa gagwe le bone ba ne ba segofadiwa ka ntlha ya go reetsa ga bone taolo ya ga Jehofa ya gore ba ‘se ka ba nna karolo ya lefatshe.’ (Yohane 17:16) Ruth, yo o nang le dingwaga di le 18, o ne a simolola go nna mmulatsela ka nako ya fa a ne a na le dingwaga di le 12. Ene mmogo le Basupi ba bangwe ba ne ba ganediwa ke barutabana ka ntlha ya go gana ga bone go opela pina ya setšhaba. Morutabana mongwe o ne a kopa go bona batsadi ba mosetsana yono. Fa ba sena go tlhalosa sengwe le sengwe, ba dirisa boroutšhara ya Sekolo, morutabana yono o ne a kgotsofala mme a se ka a tlhola a tshwenya barutwana bano ka gope.
Lefa go ntse jalo, letsatsi lengwe morutabana mongwe go tswa kwa India o ne a tlhapatsa yo mongwe wa basetsana bano a ba a mo otlhaela fa pele ga bana botlhe mo tlelaseng ka nako ya fa mosetsana yono a ne a sa opele pina ya setšhaba. Mosetsana yono o ne a buelela tumelo ya gagwe ka bopelokgale mme morutabana o ne a mo isa kwa go mogokgo wa sekolo. Ka nako ya fa ba fitlha kwa go mogokgo, Mosupi yo mmotlana yono o ne a fitlhela gore mothusamogokgo le ene o ne a le teng koo. O ne a gakgametse tota ka nako ya fa mogokgo le mothusamogokgo ba ne ba simolola go tshega. Mogokgo o ne a leba morutabana mme a mo raya a re: “Mma, tlogela go itshwenya ka basetsana bano. Le eleng lefa o ka ba bolaya, ba ka mpa ba swa go na le gore ba opele pina ya setšhaba. A ga o ise o utlwe kaga bone?” Morago ga moo mogokgo mmogo le mothusi wa gagwe ba ne ba simolola go bua ka tumelo ya Basupi ba ga Jehofa le bopelokgale joo ba nang najo. Mogokgo o ne a bua le mosetsana yono a mmolelela gore o kopa maitshwarelo go bo ba ile ba mo tlhabisa ditlhong ka tsela eo. Morago ga moo o ne a oketsa jaana: “Tswelela pele mo ditirong tsa gago tsa tumelo. Ke tlotla bodumedi jwa gago le bopelokgale jwa gago joo o nang najo kwa ntle le mo sekolong mono.” Kgabagare, morutabana yo o neng a ganetsa o ne a kopa maitshwarelo mo Mosuping yono, a mmolelela gore jaanong o tlhaloganya boemo jwa Basupi jwa go nna ba itlhaotse.
Bana bano ba ne ba latela sekao sa Bahebera ba bararo bao ba neng ba sa batle go roba bothokgami jwa bone mo Modimong ka go ikobela setshwantsho, gape le sa ga Daniele, yoo o neng a gana go emisa go rapela Jehofa. Banna bano ba ne ba segofadiwa ke Jehofa ka gonne ba ne ba ikanyega mo melaong ya Modimo ya tshiamo.—Daniele, dikgaolo 3 le 6.