Letsatsi Le Le Tshwanetseng go Gakologelwa
Mo maitseboeng a pele a swa, Jesu o ne a ja senkgwe se se sa bedisiwang a bo a nwa beine le baaposetoloi ba gagwe a bo a re: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.”—Luke 22:19.
Monongwaga letlha leo a kopileng jalo ka lone e tla bo e le ka April 17, letsatsi le sena go phirima.
Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba kokoane mo maitseboeng ao a a kgethegileng go tla go boeletsa Segopotso seno ka mokgwa o Jesu a ba laetseng go dira ka one. O lalediwa ka lorato gore o kopanele le rona. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong le o nnang mo go lone kaga nako le lefelo le le tlhomameng leo go tla kopanelwang kwa go lone.