LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 4/1 ts. 30
  • Bodumedi jwa ‘Tumelo E E Fetofetogang’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bodumedi jwa ‘Tumelo E E Fetofetogang’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 4/1 ts. 30

Bodumedi jwa ‘Tumelo E E Fetofetogang’

“Lebaka la go bo tumelo ya Bo-Mormon e kgona go itshetlela mo dinageng tsa temokeratiki tse mo go tsone go nang le kgololesego mmogo le mo ditšhabeng tse di busiwang ke puso ya bokgokgontshi ke sengwe se se gakgamatsang.” Go ne ga akgela jalo The Wall Street Journal fa mmuso wa Hungary o ne o fa Church of Jesus Christ of Latter-day Saints tetla ka botlalo. Kereke eno e kgona seno jang? “Se ba se dirisang,” go ya ka Journal, “ga se go tshola bana ba bantsi ga Ba-Mormon fela kana go anamisa efangele ya bone ka kgatelelo. Go na le moo, ke go fetofetoga ga tumelo.” Seo se direga jang?

Fa e bua ka nako ya fa diphetogo tsa bosheng tsa bopolotiki tsa kwa Yuropa Botlhaba di ise di direge, Journal e ne ya re: “Ba-Mormon ba ile ba kgona go tila kwelotlase le go tlhoka tirisanommogo tse gantsi barongwa ba lebanang le tsone mo dinageng di le dintsi tsa Bokomonise ka go dirisa ditlhopha tse di opelang le tse di binang mmino wa setso tsa Yunibesiti ya Brigham Young.” Ditlhopha tseno di tswa go boa kwa Romania, Czechoslovakia, Hungary, Poland, Russia, le kwa China, mmogo le Saudi Arabia, Libya, Egepeto, Joredane, Somalia, le Iseraele. Mo godimo ga moo, “khumo ya Kereke ya Mormon e ntse e le sedirisiwa sa go tsena mo dinageng tsa puso ya bo-Marxist le mo Dinageng Tse Di Tlhabologang.” Go aga matamo le go epa didiba ke dingwe tsa ditiro tseo di tshegediwang ke meneelo ya Ba-Mormon.

Mo lefatsheng la gompieno le le ratang dikgatlhego ebile le rata madi, ga go gakgamatse go bo maretshwa a a ntseng jalo a go dirisa dipina le mmino go bipa batho matlho le go dirisa madi go gogela batho a ikuela thata jaana. (2 Timotheo 3:2, 4) Mme lefa go ntse jalo batho bao ruri e leng ba seka dinku ba gogelwa ke lentswe la Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. (Yohane 10:27) Ke gone ka moo erileng fa a laela balatedi ba gagwe gore ba “dihè merahe eotlhe barutwa,” a sa kang a ba a re ba dirise sepe kana madi ape fa e se gore ba ‘ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse a neng a di laotse.’ (Mathaio 28:19, 20) Fa go diragadiwa thomo eno, ga go na phatlha ya go tlola melao e e mo Bibeleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela