O Lalediwa ka Lorato
Loso lwa monna yo o bidiwang Jesu Keresete lo lo setseng lo na le dingwaga tse di fetang 1 900 e ne e le tiragalo ya botlhokwa mo hisitoring. Lo ne lwa re naya tshono ya gore rotlhe re bone botshelo jo bo sa khutleng mo maemong a Paradaise. Jesu o ne a dirisa beine le senkgwe se se sa bedisiwang mo moletlonyaneng mongwe jaaka dilo tse di tshwantshetsang setlhabelo sa gagwe sa motho se se ntshiwang ka lorato. Morago ga foo o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” (Luke 22:19) A o tla mo gopola?
Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato go tla go kopana le bone fa ba keteka moletlo ono wa Segopotso. O tla bo o le fa letsatsi le sena go wela ka letlha le le lebaganeng sentle le Nisane 14 go ya ka khalendara ya Bibela eleng khalendara e go neng go dirisiwa ngwedi go e bala. O ka tla kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le legae la gago. Botsa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona nako e e tlhomameng le lefelo le le tlhomameng. Letlha la moletlo wa 1992 e tla nna ka Labotlhano, April 17.