LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 3/1 ts. 32
  • “Basupi Ba Ga Jehofa?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Basupi Ba Ga Jehofa?”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 3/1 ts. 32

“Basupi Ba Ga Jehofa?”

POTSO e e fa godimo e ne ya kwalwa jaaka setlhogo mo lokwalopakeng lwa Bulletin of the University of Helsinki lwa puo ya Se-Finland. Kafa tlase ga setlhogo seno go ne go na le lokwalo lo lo neng lo kwadilwe ke Porofesara Jorma Palo, mme karolo ya lone e ne e balega jaana: “Ke ne ka tlhatlhoba ka kelotlhoko sekano sa yunibesiti ya rona seo se neng se gatisitswe mo tsebeng e e ka kwa ntle ya Bulletin. Mo karolong ya yone e e kwa godingwana, ke ne ka fitlhela mafoko a Sehebera ao ke neng ka kopa Mojuta mongwe yo o neng a nketetse gore a a ntlhalosetse. Go ya ka moithuti yono, yo o itseng Sehebera, lefoko leno ke ‘Jehovah’ ka Se-Finland.”

Go nna gone ga leina la Modimo ka namana mo sekanong sa yunibesiti eno ya Finland go ne ga gakgamatsa bangwe. Ebile tota, lefa go ntse jalo, yunibesiti eno e na le dingwaga tse 350 e ntse e eme, mme fa e ne e tlhomiwa, leina Jehofa le ne le itsege le bile le dirisiwa mo Yuropa yotlhe. Leina leno le fitlhelwa mo dikagong tsa botlhe di le dintsi, mo mading le mo dikanong tsa motlha wa go tloga ka nako eo.—Bona boroutšhara ya Leina la Modimo Leo le Tla Nnelang Ruri.

Mo lekgolong la rona la dingwaga, Labokeresete ga e tlhole e dirisa leina la Modimo, ebile kgatlhego ele ya pele mo go lone e lebetswe ke ba le bantsi. Ke setlhopha se le sengwe fela seo se dirisang leina la Modimo mo kobamelong mme se le itsise mo lefatsheng, go dumalana le kopo eno ya ntlha mo Thapelong ya Morena: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Mathaio 6:9) Ke gone ka moo erileng fa leina leo le bonwa mo sekanong sa yunibesiti, batho ba ne ba akanya ka bonako fela ka Basupi ba ga Jehofa.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Yliopisto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela