Pego Ya Baboledi Ba Bogosi
Jehofa O Duela Mosha Yo O Ikanyegang
BASHA ba ba ikanyegang ba tlhwatlhwakgolo thata mo matlhong a ga Jehofa. Boitemogelo jo bo latelang jwa lekawana le le ikanyegang bo tshwanetse jwa kgothaletsa basha ba bangwe go nna ba ntse ba ikanyega fa ba ntse ba direla Jehofa.
Mosimane mongwe wa dingwaga tse 11 le monnawe wa mosimane ba kwa Argentina ba ne ba ithuta buka ya Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng le mmaabonemogolo. Go ise go ye kae, batsadi ba basimane bano ba ne ba ba ganetsa, mme ba ne ba kganela basimane gore ba se ka ba ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. E le gore ba tle ba nne gone kwa dipokanong, basimane ba ne ba tsaya nakonyana ba ntse ba ngwega ka lefensetere la ntlwana ya botlhapelo, ba tlolela mo lelwapaneng, go tswa foo ba bo ba tlolela lebota ba tsena mo lelwapaneng la moagelani ba bo ba ya kwa Holong ya Bogosi. Go tswa foo mongwe o ne a bolelela mmaabone gore ba ne ba ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Mmaabone o ne a ba tshosetsa ka go re o tla ba betsa, mme seno se ne sa tshosa mosimane yo mmotlana, a bo a kgaotsa go ithuta. Mme lefa go ntse jalo yo mogolwane o ne a tswelela pele. O ne a kgona go nna a ya dipokanong batsadi ba gagwe ba sa itse ka lobaka lwa dingwaga tse tlhano.
Fa a ne a nna le dingwaga tse 16, o ne a batla go ithuta sengwe mo sekolong se segolwane seo se neng se sa rutiwe mo toropong ya gabone. Go sa nne kwa gae go ne go tla mo fa kgololesego e kgolwane ya gore a ithute boammmaaruri. Batsadi ba gagwe ba ne ba dumela gore a tsamaye, mme dilo tsotlhe di ne tsa tsamaya sentle ka lobaka lwa dikgwedi di le tharo. Go tswa foo mogokgo wa sekolo o ne a itsise batsadi ba gagwe gore morwa wa bone o ne a gana go dumedisa folaga kana go opela pina ya setšhaba. Lekawana leno le ne la kgona go neela bosupi jo bo molemo jwa gore ke ka ntlha yang fa a ne a sa dire dilo tseno ka ntlha ya segakolodi a le fa pele ga mogokgo, batsadi ba gagwe, mokwaledi, agente, le diporofesara di le lesome. (Ekesodo 20:4, 5) Batsadi ba ne ba shakgala. Mmaagwe o ne a ipatlela tlhobolo a ikaelela gore o tla thuntsha mmaabonemogolo, yo a neng a akanya gore ke ene a bakileng gotlhe mo. Mme lefa go ntse jalo o ne a se ke a bo a mo fitlhela a le esi.
Moragonyana, ba sena go gakololwa ke tsala nngwe ya lelapa le mogokgo wa sekolo a dumetse, batsadi ba ne ba dira tshwetso ya gore ba tsenye mosha mo kokelwaneng ya batho ba ba lwalang tlhaloganyo, ba akanya gore go alafiwa ke ngaka ya tlhaloganyo go tla dira gore a latlhe tumelo ya gagwe. Babereki ba kokelwana eno ba ne ba tsaya mosimane yono sekgala sa dikilometara di le 100 ka koloi ba bo ba mo tlhaba ka insulin e ntsi le ditagi tse dingwe go fitlha a idibala. Fa a thanya, o ne a tlhakatlhakane gotlhelele, a sa itse ope, ebile a tshwerwe ke amnesia (go latlhegelwa ke kgono ya go gakologelwa) go se kae. Fa ba sena go mo tlhatlhoba ka kelotlhoko gantsintsi dingaka di ne tsa se ka tsa kgona go bona bothata bope jwa tlhaloganyo mo go ene. Mme lefa go ntse jalo kokelwana e ne ya tswelela pele e mo tshwara ka tsela e e tshwanang. Fa a thantse, mosimane o ne a tle a rapele Jehofa a sa kgaotse gore a se ka a mo latlha a bo a mo kopa gore a mo fe maatla a go itshoka. Jehofa o ne a mo sireletsa, mme e ne ya ra kgabagare a ntshiwa mo kokelwaneng.
Ka lekgetlo lengwe mogokgo o ne a botsa lekawana leno gore a le ne le iketleeditse go latola seo le neng la se bua pele. Fa a re nnyaa, mogokgo o ne a raya batsadi ba gagwe gore ba mo ise gape kwa kokelwaneng ka gonne o ne a tsenwa go gaisa pele. Batsadi ba ne ba mo isa mo ntlong eo batho ba fiwang bonno mo go yone le go fepiwa ka dijo ba bo ba bolelela mosadi wa ntlo eo gore a tlhomamise gore a se ka a ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Fa batsadi ba sena go tsamaya, abo mosimane a ne a gakgamala jang ne! Beng ba ntlo eno e ne e le Basupi ba ga Jehofa! Labofelo batsadi ba ne ba mo tlogedisa kalafi ya dingaka tsa tlhaloganyo, ba dumela gore dingaka di ne di ba apesitse bobi mo matlhong. Go ntse go eme jalo Kgotlatshekelokgolo ya Argentina e ne ya laola gore bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tshwanela go kobiwa mo sekolong ka ntlha ya go sa dumedise folaga.
A diteko tseno di ne tsa solegela mosha yono yo o ikanyegang molemo? Ee. O bolela jaana: “Ke ne ka kgona go neela bosupi jo bogolo go dingaka, diporofesara, balekane ba sekolo, batsadi, le ba losika, ebile tota, go toropo yotlhe. Batsadi ba me ba kgwabofetse ka tsela nngwe ebile ba leba Basupi ka tsela e e botoka. Jaanong, fa ke leba kwa morago kwa nakong ya fa ke sale ngwana, ke bona tsela e e gakgamatsang le e e lorato e Modimo wa rona o tlhokomelang ka yone mongwe yo o ikanyegang mo go ene. Ke fela jaaka mopesalema a ne a bolela jaana mo go Pesalema 27:10: ‘Gonne rrè le mmè ba ntatlhile, me Yehofa o tla nchola.’”
Lekawana leno jaanong le na le dingwaga di le 23, le nyetse ebile le nna le seabe ka matlhagatlhaga mo tirelong ya ga Jehofa. Eleruri, maatla a ga Jehofa a a tshegetsang a ka se lekanngwe le ape.—Pesalema 55:22.