Ke Eng Se Se Tla Diragalelang Mafelo A A Boitshepo a Labokeresete?
BAGATISI ba buka ya Holy Places of Christendom, e e kwadilweng ke moithutamarope mongwe ebong Stewart Perowne, ba botsa jaana: “Ke mang yo o ka emang kwa Calvary mo teng ga Church of the Ressurection [kana, Church of the Holy Sepulcher] kwa Jerusalema kwantle ga go boifa sepe: gonne lefelo leno le le tlotliwang thata le ebileng le ile la lwelwa ka makgolokgolo a dingwaga, ke lone boremelelo jwa Labokeresete.”
Ga go na ope yo o ileng a kgona go tlhomamisa gore kereke eno e ne ya agiwa kwa Calvary, kwa Jesu Keresete a swetseng gone. Ebile tota, tempele nngwe ya boheitane e ne e agilwe mo lefelong leno, pele ga fa mmusi mogolo wa Roma ebong Constantine a ne a akanya go aga kereke mo lefelong leo. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re: “Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:24) Baobamedi ba ba ntseng jalo ga ba obamele mafelo “a a boitshepo” a a itiretsweng ka diatla.
Ka nako nngwe, tempele ya Modimo e ne e le kwa Jerusalema mme ka gone e ne e le boremelelo jwa kobamelo e e itshekileng. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go sa ikanyege ga baagi ba motse ono, Jehofa Modimo o ne a e tlogela fela, jaaka Jesu a ne a bolelela pele. (Mathaio 23:37, 38) Gape Jesu o ne a bolelela pele gore boremelelo joo jwa bodumedi, joo batho ba le bantsi ba neng ba tswelela go bo leba jaaka lefelo le le boitshepo, bo tlile go senngwa. Mafoko a gagwe a ne a diragadiwa fa Baroma ba ne ba senya Jerusalema le tempele ya yone ka 70 C.E.—Mathaio 24:15, 21.
Boperofeti jwa ga Jesu bo tla tloga bo nna le tiragatso e kgolwane mo lefelong lotlhe la bodumedi la Labokeresete, leo a iphakang gore ke lefelo le le boitshepo. Jaanong Labokeresete mmogo le mafelo a gagwe a a boitshepo a lebanwe ke go senngwa ke maatla mangwe a a kgatlhanong le bodumedi a a bidiwang “makgapha a a shwahatsañ.” (Daniele 11:31) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go naya tshedimosetso e ntsi ya gore tiragalo eno e e tsitsibanyang mmele e tla diragala jang.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Ntlwana ya kobamelo e e mo teng ga Church of the Holy Sepulcher
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.