LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/15 ts. 32
  • ‘Buka eno e nnela go nyelela’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Buka eno e nnela go nyelela’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/15 ts. 32

‘Buka eno e nnela go nyelela’

Seo ke se se bolelwang ke morutisi mongwe kwa borwa jwa California, kwa U.S.A., kaga buka Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Sekolo seno se ne se tlhomile nako e mo go yone baithuti ba ka balang sengwe le sengwe fela se ba se batlang. O ne a ba naya dibuka, go akaretsa le buka ya Dipotso Tse Basha ba Di Botsang, go di naya baithuti ba ba neng ba sa tla le sepe go se bala.

“Buka eno e ratwa thata mo tlelaseng,” o ne a tlhalosa. “E nyamela ka diura di le mmalwa ka letsatsi, kana le eleng ka letsatsi le le lengwe kana a mabedi, e bo e boa gape. Baithuti ba botsa ditsala tsa bone jaana, ‘A o setse o badile seno?’ kana ba akgela ka go re, ‘Buka eo e molemo tota.’ Fa ba sena go bontsha ditsala tsa bone dilo dingwe ba a tsamaya ba ya go bala gape.

“Go na le ditsebe tse di menilweng, mme buka eno e supa fa e onala. Kgaolo e e onetseng thata ke ya 23 e e reng ‘Go tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?’ Baithuti ba rata ditshwantsho tsa yone, mme ba utlwa fa mafokonyana a a kwadilweng fa thoko a tlhalosa maemo a bone. Ke ne ka bona moithuti mongwe a bala kgaolo e e reng ‘Ke Ka Ntlhayang Fa Rre le Mmè Ba Ne Ba Tlogelana?’

“Morago ga lobakanyana buka ya ntlha e ne ya nyamela ka jalo ke ne ka ntsha e nngwe gape. Morago buka ya ntlha e ne ya boa gape, jaanong go na le tse pedi. Go setse go fetile dikgwedi di ka nna tharo kana nne fa esale ke ntsha buka ya ntlha, mme di santse di balwa.”

Dikgaolo tse dingwe mo go tse 39 tse di leng mo bukeng eno ke “Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala tsa Mmatota?” “Tebego E Botlhokwa go le Kana Kang?” le “Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?” Fa o eletsa go amogela sekaelo sa buka eno e e nang le ditshwantsho tse dintle, tsweetswee tlatsa o bo o romele foromonyana e e fa tlase.

Ke rata go amogela buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 320 ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa kwalela lekala la Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela