LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/1 ts. 32
  • Go Batla Kagiso ya Mogopolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Batla Kagiso ya Mogopolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/1 ts. 32

Go Batla Kagiso ya Mogopolo

Ke seo mosadi mongwe go tswa kwa Salt Lake City, kwa Utah, kwa U.S.A. a neng a bolela gore o ne a ntse a se batla mo bodumeding ka dingwaga tse dintsi. “Go fitlha mo dikgweding tse robedi tse di fetileng,” o kwala jalo, “ke ne ke akanya gore ga nkake ka e bona. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela ka February. Ke ntse ke ithuta ka dikgwedi tse robedi, mme ke lemoga gore ke lona fela lo baakanyetsang batho go tsena mo Bogosing jwa Modimo.”

Mosadi yono o ne a oketsa jaana: “Letsatsi lengwe tsala ya me ya Mosupi e ne ya nnaya buka e e bidiwang Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Ga go na buka e nkileng ka e itumelela jaaka eno. Eleruri ke nngwe ya dibuka tse di gaisang thata tsa Watch Tower Society.”

Fa o eletsa go amogela sekaelo sa buka e e molemo eno, tsweetswee tlatsa o bo o romele foromanyana e e fa tlase.

Ke rata go amogela buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192 ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2)

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Boperofeti jwa ga Daniele jwa go gwanta ga mebuso ya lefatshe bo ile jwa diragadiwa ka tsela e e tlhomameng mo baganetsi ba segompieno ba akanyang gore bo kwadilwe fa bo sena go diragadiwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela