A Thulaganyo ya go Tlhomiwa ga Bomopapa—E Tlhomilwe ke Keresete?
“FA GARE ga Petere, Bishopo wa ntlha wa Roma, le mopapa wa rona wa jaanong, John Paul II, go na le motseletsele o moleele wa bomopapa ba bagolo—ebile tota ba feta 260.” Go bolela jalo moitlami mongwe wa Mokatoliki Anthony Foy mo go The Southern Cross, lekwalodikgang la beke le beke la Katoloki la mo borwa jwa Afrika. O tswelela jaana: “Re kgona go umaka motseletsele ono wa bomopapa, fa re kopiwa go ntsha bosupi jwa gore Kereke ya Katoliki e tlhomilwe ke Jesu Keresete.”
A go ka bolelwa fela ka tlhomamo gore motseletsele ono wa bomopapa o simolotse ka moaposetoloi Petere? Go ya ka thutabodumedi ya Katoliki, bomopapa ba bane, Linus, Anacletus, Clement I, le Evaristus, ba bolelwa gore ba ne ba tlhatlhama Petere go fitlha ka ngwaga wa 100 C.E. Bibela e umaka Mokeresete mongwe yo a neng a bidiwa Linus yo a neng a nna kwa Roma. (2 Timotheo 4:21) Lefa go ntse jalo, ga go na sepe seo se akantshang gore Linus, kana motho ope fela, e ne e le mopapa yo a neng a tlhatlhama Petere. Moaposetoloi Johane, yo a neng a kwala dibuka di le tlhano tsa Bibela mo dingwageng tsa bofelo tse di lesome tsa lekgolo la ntlha la dingwaga ga a bua sepe ka ope fela wa ba ba fa godimo bao go bolelwang gore ba tlhatlhama Petere. Eleruri, fa e le gore go na le motho yo a neng a tlhatlhama Petere, a go ka bo go se kile ga tlhophiwa Johane ka boene?
Fa e le ka boiphako jwa gore Petere e ne e le bishopo wa ntlha wa Roma, ga go na bosupi jwa gore o kile a etela motse oo ka nako nngwe. Ebile, Petere ka boene o bolela gore o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha a le kwa Babelona. (1 Petere 5:13) Mabaka a Bakatoliki ba a nayang a gore Petere o ne a dirisa “Babelona” ka tsela ya tshwantshetso mme a kaya Roma ga a na bosupi. Babelona wa mmatota o ne o santse o le teng mo motlheng wa ga Petere. Mo godimo ga moo, Babelona e ne e na le Bajuda ba bantsi. Ereka Jesu a ne a laetse Petere gore a rerele thata Bajuda ba ba rupisitsweng, go a utlwala sentle fela go dumela gore Petere o ne a etela kwa Babelona ka boikaelelo joo.—Bagalatia 2:9.
Ela tlhoko gape gore Petere ga a ise a ko a ipitse sepe fela kwantle ga gore a bolele gore ke yo mongwe wa baaposetoloi ba ga Keresete. (2 Petere 1:1) Ga go gope mo Bibeleng koo a bidiwang “Rara Yo O Boitshepo,” “Mopapa yo Mogolo,” kana “Mopapa” (Ka Selatini, papa, ke lereo le le supang lorato le le dirisediwang “Rre”). Go na le moo, o ne a kgomarela mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mathaio 23:9, 10 ka boikokobetso: “Me lo se ka loa bitsa opè rra eno mo lehatshiñ; gonne Rra eno o moñwe hèla, eo o kwa legodimoñ. Le gōna lo se ka loa bidiwa Beñ gonne Muñ oa lona o moñwe hèla eboñ Keresete.” Petere o ne a sa dumele go newa tlotlo. Fa molaodi wa mophato wa Roma Korenelio “a wèla mo dinaoñ tsa gagwè, a mo ōbamèla . . . , Petere a mo kakatlolola, a re, Èma; le nna ka nosi ke motho.”—Ditihō 10:25, 26.
Moperesiti Foy o dumela jaana mabapi le bomopapa ba ba bolelwang fa ba le 260: “Bontsi jwa bone bo ne bo sa tshwanele go dira tiro eo ya maemo a a kwa godimo.” New Catholic Encyclopedia e bolela jaana go leka go buelela seno gore se siame: “Seo se neng se le botlhokwa mo pusong e ne e le maemo, mme eseng mekgwa ya mopapa yoo. A ka nna ka boene ya bo e ne e le moitshepi, kana motho fela yo o sa reng sepe, kana le eleng motho yo o senang botho.” Mme a o dumela gore Keresete o ne a ka dirisa batho ba ba ntseng jalo go mo emela?
Lefa go ntse jalo, ntlha ya gore thugalanyo ya bomopapa e ne ya tlhongwa ke Jesu ga e tshegediwe ke Bibela. Go ya ka Encyclopedia of Religion, le eleng bakanoki ba segompieno ba Bakatoliki ba dumela gore “ga go na bosupi bope jo bo tlhamaletseng jwa Bibela jwa gore Jesu o ne a tlhoma thulaganyo ya bomopapa jaaka maemo a goyagoile mo kerekeng.”