A O Tla Rata Go Etelwa?
Mo ngwageng o o fetileng, mosadi mongwe go tswa kwa Corpus Christi, kwa Texas, kwa U.S.A., o ne a kwalela Mokgatlho wa Watchtower kwa Brooklyn, kwa New York a bolela jaana: “Leina la me ke Emily, mme ke ntse ke ithuta dibuka tseo bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba neng ba di nnaya dibeke di le mmalwa tse di fetileng. Fa ke sena go bala dimakasine tseo le go di bapisa le Bibela ya fa gae, ke ne ka bona gore Kereke ya Roma Katoliki e ne e sa lebege e ruta se se leng mo Bibeleng E E Boitshèpō. Ga ba ke le ka motlha ba bua ka leina la Modimo kana ka Bogosi jo bo tlang jwa Modimo tseo ke fitlhetseng e le tsone tsa konokono mo Bibeleng ya me. Ga ke tlhole ke ya kwa kerekeng ya lelapa la etsho mme ke simolotse go ithuta Bibela, ke a lo leboga ka dibuka tsa lona tse di buang boammaaruri.
“Ke rata go simolola go kopanela le phuthego ya mo lefelong la rona ya Basupi ba ga Jehofa. Tsweetswee ba romeleleng moaletsa wa gore ba tle kwa legaeng la me gore ke buisane le bone.”
Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o tla itumelela go go etela le go go thusa go oketsa kitso ya gago ka Modimo, Bogosi jwa gagwe, le boikaelelo jwa gagwe, jaaka di kwadilwe mo Bibeleng. Gore o kgone go direlwa seno, tlatsa tshedimosetso e e batliwang fa tlase o bo o romele foromonyana e e fa tlase eno kwa atereseng e e mo go yone.
Ke rata go itse go le gontsi ka Bibela. Tsweetswee rulaganyang gore mongwe a nketele.